Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 3:22 - Setswana 1970

22 mme Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go ene ka popego ya lephoi, mme ga utlwala lentswe le le tswang kwa legodimong le re: “O Morwaake yo o rategang, yo ke go itumelelang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 mme Mowa o o Boitshepo o le mo setshwanong sa lephoi wa tlhomama mo godimo ga gagwe, mme lentswe le le tswang legodimong la re, “O Morwaake yo o rategang thata. Ee, o boitumelo jwa me.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 Mi Moea oa Boitsepho oa hologela go ena, o cuana yaka mele oa lephui, mi ga rihala koru e e coañ kua legorimoñ, ea re, U Moroake, eo o rategañ; kia itumela mo go uena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go ene o na le popego e kete ya lephoi, mme ga tswa lentswe mo legodimong, le le reng: “O morwaake yo o rategang; ke itumetse thata mo go wena.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 3:22
21 Iomraidhean Croise  

Ke rata go bolela ka ga maikaelelo a Morena. O ntheile a re: “O morwaake, ke go tsetse kajeno.


“Bonang, motlhanka wa me ke yoo, yo ke mo tshegetsang; le moitlhaolelwa wa me yo o natefelang pelo ya me. Ke mo neile Mowa wa me. O tla ntshetsa tshiamo kwa merafeng.


“Bonang Motlhanka wa me yo ke mo itlhaoletseng; moratwi wa me, yo pelo ya me e natefelwang ke ene. Ke tla baya Mowa wa me mo go ene, mme o tla bolelela merafe tshiamo.


Ya re a sa ntse a bua, leru le le lesedi la ba ritifalela ka tshoganyetso, le lentswe la tswa mo lerung la re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo itumelelang; mo utlweng!”


O ikantse Modimo; a o mo golole jaanong, fa o mo rata; gonne o rile: ‘Ke Morwa Modimo.’ ”


Jaanong Jesu a tswa kwa Galelea, a ya kwa go Johane kwa Joretane gore a kolobediwe ke ene.


Ya re Jesu a sena go kolobediwa, a tswa mo metsing ka bonako. Foo magodimo a mmulegela, a bona Mowa wa Modimo o fologa jaaka lephoi, o tla mo go ene.


Mme lentswe la utlwala, le tswa kwa magodimong le re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo itumelelang.”


Lentswe la tswa kwa magodimong la re: “O Morwaake yo o rategang yo ke go itumelelang.”


Mo malatsing ao Jesu a tswa kwa Nasaretha wa Galelea, a kolobediwa ke Johane mo Joretane.


Foo ga tla leru, la ba ritifalela; ga ba ga tswa lentswe mo lerung la re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang; mo utlweng!”


“Tlotlo a e nne ya Modimo kwa magodimong le kagiso mo lefatsheng mo bathong ba o ba itumelelang.”


Jaanong a simolola go ba raya a re: “Se se kwadilweng fa, se dirafetse kajeno, lwa se ikutlwela.”


Johane a ba a supa a re: “Ke bonye Mowa o fologa jaaka lephoi, o tswa legodimong, wa nna mo go ene.


‘Rara, galaletsa leina la gago.’ ” Foo ga utlwala lentswe le tswa mo legodimong le re: “Ke le galaleditse, le gona ke tla boa ke le galaletsa.”


Rara yo o nthomileng le ene o supile ka ga me. Ga lo ise lo utlwe lentswe la gagwe ka motlha ope, le fa e le go bona gore o ntse jang.


e bong sa ga Jesu wa Nasaretha, jaaka Modimo o mo tloditse ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo; yo o ne a dikologa a dira molemo, a fodisa botlhe ba ba gatelelwang ke Diabolo; gonne Modimo o ne o na nae.


a re golola mo thateng ya lefifi, a re tsenya mo pusong ya Morwaa-ona wa lorato


Tlayang go ene yo e leng lentswe le le tshelang, le le latlhilweng ke batho, mme e le le le tlhophilweng la botlhokwa mo Modimong;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan