Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 3:14 - Setswana 1970

14 Batlhabani le bone ba mmotsa ba re: “Mme fa e le rona, re dire eng?” A ba raya a re: “Se gateleleng ope, se lefiseng ope ka patiko; mme lo itumelele tuelo ya lona fela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

14 Mme masole mangwe a botsa a re, “A le rona? Jaanong ka ga rona?” Johane a fetola a re, “Lo seka lwa gapa madi ka patiko le thubakanyo; lo se pateletse ope ka ga se lo itseng a sa se dire; mme itumeleleng tuelo ya lona!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Mi batlabani le bona ba motsa, ba re, Mi rona, re tla rihañ? Mi a ba raea, Lo si bogise ope, le go mo tseela tsa gague ka tsieco; mi itumeleleñ tuelo tsa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 Le batlhabani le bone ba mmotsa ba re: “Mme rona re tlaa dirang?” A ba raya a re: “Se bogiseng ope, le gone se tseeleng ope sepe ka patiko, mme lo itumelele tuelo ya lona.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 3:14
15 Iomraidhean Croise  

“O se ka wa bua maaka ka ga mongwe-ka-wena.


“O se ka wa bolela magatwe a ditshele. O se ka wa emela moikepi ka go nna mosupi wa kgobelelo.


“ ‘Lo se ka lwa utswa; lo se ka lwa aka le e seng go tsietsanya.


E rile a tsena mo Kaperenaume, ga tla molaodi-wa-lekgolo go ene, a mo rapela a re:


Sakeo a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena, bontlhanngwe jwa tse ke nang natso ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe sengwe ka patiko, ke tla se mmusetsa gane.”


Foo batho ba mmotsa ba re: “Jaanong re dire eng?”


A ba raya a re: “Se kgethiseng go fetisa mo lo go laetsweng.”


Ya re moengele yo o buileng nae a sena go tsamaya, a bitsa ba le babedi ba badiredi ba lelapa le motlhabani mongwe yo o boifang Modimo, wa ba ba nang nae ka gale,


gore lo nne lo se na molato, lo le bopeloephepa le bana ba Modimo ba ba sa nyatsegeng mo gare ga batho ba ba kgopo le tshokamo, ba lona lo phatsimang mo go bone jaaka dinaledi mo lefatsheng;


Ga ke bue jalo ka ntlha ya go tlhoka; gonne ke ithutile go itumelela tse ke leng mo go tsona.


Basadi-bagolo le bone a ba nne jaaka go tshwanetse baitshepi, e se nne balatofatsi, ba se laolwe ke majalwa, e nne ba ba rutang tse di molemo,


Ke fa ke utlwa lentswe le legolo mo legodimong le re: “Jaanong pholoso le thata le puso ke tsa Modimo wa rona, le thata ke ya Motlodiwa wa ona; ka gonne molatofatsi wa bakaulengwe ba rona yo o ba latofatsang fa pele ga Modimo wa rona bosigo le motshegare o digilwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan