Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 3:13 - Setswana 1970

13 A ba raya a re: “Se kgethiseng go fetisa mo lo go laetsweng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 Johane a re, “Ke tlaa itse jang boammaaruri jwa lona. Tlhomamisang gore lo seka lwa phutha makgetho a a fetang a mmuso wa Seroma o o lo kopang gore lo a kokoanye.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi a ba raea, Se lopeñ bogolu go se lo se laolecoeñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 A ba raya a re: “Se kgethiseng ka thata go fetisa mo lo go laoletsweng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 3:13
15 Iomraidhean Croise  

Gonne tsotlhe tse di siameng fa pele ga ona, ke ntse ke di tlhokomela, mme ga ke a ka ka tlosa melao ya ona fa go nna.


Yo o lobang maleo a gagwe ga a kitla a kgona sepe; mme yo o a ipobolang, a a bakela, o tla tlhomogelwa pelo.


Wena motho, Morena o go itsisitse tse di leng molemo le tse a di batlang mo go wena: O batla gore ò dire tse di siameng, ò rate bopelotlhomogi, o tsamaya le Modimo wa gago ka boikokobetso!


“Jaanong tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, lo ba direle tsona; gonne molao o a re jalo le baporofeti.


Sakeo a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena, bontlhanngwe jwa tse ke nang natso ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe sengwe ka patiko, ke tla se mmusetsa gane.”


Bakgethisi le bone ba tla go kolobediwa, ba mmotsa ba re: “Moruti, rona re dire eng?”


Batlhabani le bone ba mmotsa ba re: “Mme fa e le rona, re dire eng?” A ba raya a re: “Se gateleleng ope, se lefiseng ope ka patiko; mme lo itumelele tuelo ya lona fela.”


gongwe magodu gongwe ba ba bohula gongwe matagwa gongwe bakgadi gongwe dinokwane, ga go ope wa bone yo o tla ruang puso ya Modimo.


Yo o utswileng a a se tlhole a utswa, mme bogolo a a dire matsapa ka go dira se se molemo ka mabogo a gagwe gore a nne le go ka fa yo o tlhokang.


Ka moo he, e re ka re dikanyeditswe ke lesomo le le kalokalo la basupi, a le rona re latlheng morwalo mongwe le mongwe, le boleo jo bo bonako go ka re rareetsa, mme re siane tshiano e e re lebanyeng ka tshwarelelo,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan