Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 24:47 - Setswana 1970

47 le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao jo bo isang boitshwarelong jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

47 le gore go rerelwe merafe yotlhe boikotlhao jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

47 Gore tlabologo, le go icuarela libe go reroe mo ineñ ya gague, mo cabeñ cotle, go simolola ka Yerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

47 le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao, le boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 24:47
52 Iomraidhean Croise  

“Ke tla tshegofatsa ba ba go tshegofatsang, ke hutsa ba ba go hutsang; ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka wena.”


Ba ba pelonolo ba tla ja, ba kgora; ba ba batlang Morena ba tla mo galaletsa. A dipelo tsa lona di lapologe ka bosakhutleng!


Lefatshe le ntshitse thobo ya lone. Modimo, e bong Modimo wa rona, o tla re tshegofatsa.


Ditšhaba tsotlhe tse o di dirileng di tla tla, di obamela fa pele ga gago, Morena, di tlotla leina la gago.


Mo metlheng eo baheitane ba tla batla letlhogela la modi wa ga Isai le e leng sefoka sa merafe. Boago jwa gagwe bo tla galalela.


Morena Modimo o bua jaana a re: “Bonang, ke tla gwetlha ditšhaba ka letsogo, ke tlhomela merafe sefoka sa me kwa godimo. Foo ba tla tlisa bomorwao ba ba tshotse ka mabogo; bomorwadio ba tla sikarwa ka magetla.


a re: “Ga go lekane, fa o le motlhanka wa me go tsosa ditso tsa ga Jakobe le go busa ba ba bolokilweng ba Iseraele; le gona ke go dirile lesedi la baheitane gore o nne pholoso ya me go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe.”


Kana go ka bo go dirilwe eng gape mo tshimong ya moweine ya me se ke sa se dirang mo go yona? Ntlhaang ke ne ke lebeletse gore e tla ungwa maungo a a monate, mme e ungwile masitlha a a botlha fela?


Morena o semile letsogo le le boitshepo la gagwe fa pele ga matlho a ditšhaba tsotlhe. Mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tla bona pholoso ya Modimo wa rona.


O tla gakgamatsa ditšhaba tse dintsi jalo. Dikgosi di tla mo momela melomo. Gonne tse ba sa di bolelelwang ba a di bona; le tse ba iseng ba di utlwe ba a di tlhaloganya.”


“Go tla bo go sa tlhole go le ope yo o rutang mongwe-ka-ene gongwe morwa-rraagwe a re: ‘Itse Morena!’ Gonne ba tla nkitse botlhe, ba bannye le ba bagolo ba bone,” go bua Morena. “Gonne ke tla ba itshwarela molato wa bone, ke sa tlhole ke gopola maleo a bone.”


“Morafe wa ga eno le motse o o boitshepo wa ga eno di beetswe bosupa jwa dinyaga ga 70 tsa go budusa boikepo le go tlatsa selekanyo sa boleo le go ruanya molato le go tlisa tshiamo e e sa khutleng le go kana polelelopele le moporofeti, le go kgakola Boitshepo jwa Maitshepo.


“Nka go latlha jang, Eferaime? Nka go tlogela jang, Iseraele? Nka go dira jang jaaka Atema? Nka go senya jang jaaka Seboime? Ke tlhomoga pelo, ke go utlwela botlhoko thata.


Ene ke tla mo ijwalela mo lefatsheng, ke tlhomogela Gaautlwelwa-botlhoko pelo, ke raya Gasemorafe-wame ke re: ‘O morafe wa me,’ mme ene o tla re: ‘Modimo wa me.’ ”


Ditšhaba tse dintsi di tla tloga di re: “Tlayang a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya Morena, kwa Ntlong ya Modimo wa ga Jakobe, gore o re rute ditsela tsa ona, re tsamae mo ditselaneng tsa ona; gonne molao o tla tswa mo Sione, Lefoko la Morena le tswa kwa Jerusalema.”


Gonne go tswa kwa botlhabong jwa letsatsi go fitlha kwa bophirimong jwa lone, leina la me le legolo mo ditšhabeng; mo felong gongwe le gongwe maswalo a fisediwa leina la me le tshupelo e e itshekileng; gonne leina la me le legolo mo ditšhabeng,” go bua Morena wa masomosomo.


Ka moo he, yaang lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo,


“Tlhabologang; gonne puso ya magodimo e atametse!”


Jaanong tsamayang, lo ithute gore ke go reng, fa go twe: ‘Ke batla kutlwelo-botlhoko, e seng setlhabelo;’ gonne ke tsile go biletsa baleofi tlhabologong, e seng basiami.”


“Jerusalema, Jerusalema! Wena yo o bolayang baporofeti, o kgobotletsa ba ba romilweng go wena! Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago, jaaka koko e tle e phuthe dikokwana tsa yona fa tlase ga diphuka; mme lo ganne!


Ke ene yo baporofeti botlhe ba supang ka ga gagwe gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene o tla bona boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe.”


Ya re ba utlwa jalo, ba didimala, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Jaanong ke go re: Baditšhaba le bone Modimo o ba neile tlhabologo e e isang bophelong.”


Mme Paulo le Baranaba ba bua ka bopelokgale ba re: “Go ne go tshwanetse gore Lefoko la Modimo le bolelelwe lona pele. Mme e re ka lo le gana, lo ikatlhola gore ga lo a tshwanelwa ke botshelo jo bo sa khutleng, bonang, jaanong re ya kwa baheitaneng.


Petoro a ba raya a re: “Tlhabologang, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe ka leina la ga Jesu Keresete go bona boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mme lo tla amogela neo ya Mowa o o Boitshepo;


ka supa mo Bajuteng le mo Bagerikeng ka ga tlhabologelo Modimong, le tumelo ya go dumela mo go Morena wa rona Jesu Keresete.


go ba budulola matlho gore ba sokologe, ba tswe mo lefifing, ba tsene leseding, ba tswe mo thateng ya ga Satane, ba ineele Modimo, gore ba amogele boitshwarelo jwa dibe le boswa mmogo le ba ba itshepisitsweng ka go dumela mo go nna.’


mme ke ne ke rerela ba ba mo Damaseko pele, ke bile ke bolelela le ba ba kwa Jerusalema le ba naga yotlhe ya Jutea le Baditšhaba gore ba fetoge pelo, ba sokologele Modimong; ba dire ditiro tse di tshwanetseng boikwatlhao.


“Ka moo he, itseng gore pholoso e ya Modimo e rometswe kwa baheitaneng; e bile bona ba tla utlwa.”


Jaanong he, fetogang pelo lo sokologe gore dibe tsa lona di phimolwe,


Mme ga go na pholoso mo go ope o sele; le gona ga go na leina lepe le sele fa tlase ga legodimo, le le neilweng batho, le re tshwanetseng go pholosiwa ka lone.”


Ene yoo, Modimo o mo godisitse ka letsogo la ona le le jang, go nna Moeteledipele le Mopholosi gore a nee Iseraele tlhabologo le boitshwarelo jwa dibe.


Mme molao o tsenye fa gare gore tlolo e ntsifale, mme kwa tlolo e atileng teng, ke kwa bopelotlhomogi bo atileng teng bogolobogolo,


gore go bokwe kgalalelo ya bopelotlhomogi jwa ona jo o re tlhomogetseng pelo ka jona ka Morwaa-ona yo o ratwang.


Nna yo ke leng mmotlana mo baitsheping botlhe, ke neilwe bopelotlhomogi joo gore ke rerele baheitane Efangele ya khumo e e sa ka keng ya tlhotlhomisiwa ya ga Keresete,


ba Modimo o ratileng go ba itsise se e leng lohumo lwa kgalalelo ya bosaitsiweng joo mo baheitaneng, lo e leng Keresete mo go lona, yo e leng tsholofelo ya kgalalelo.


Banaka, ke a lo kwalela; gonne lo itshwaretswe maleo ka ntlha ya leina la gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan