Luke 24:44 - Setswana 197044 A ba a ba raya a re: “Mafoko a me a ke a buileng le lona, fa ke sa na le lona, ke a go re: Tsotlhe tse di kwadilweng ka ga me mo molaong wa ga Moše le mo baporofeting le mo dipesalomeng di tshwanetse go dirafala.” Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha44 Mme a ba raya a re, “Mafoko a, ke ona a ke kileng ka a bua le lona ke santse ke na le lona fa dilo tsotlhe di na le go diragala, ebong tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe, le mo baporofiting le mo dipesalemeng, kaga me.” Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)44 Mi a ba raea, Mahuku a, ki aona a, ki leñ ka a bua le lona, ka ki sa na le lona, ha cotle li cuanetse go rihahala tse ri kuariloeñ ga me, mo molaoñ oa ga Moshe, le mo baperofetiñ, le mo lipesalemeñ. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo44 A ba raya a re: “Mafoko a, ke one a nkileng ka a bua le lona fa ke sa na le lona, fa dilo tsotlhe di na le go dirafala, e bong tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moše, le mo baperofeting, le mo dipesalemeng, ka ga me.” Faic an caibideil |
Mme Mowa wa kutlwelo-botlhoko le wa go rapelela boitshwarelo ke tla o tshela mo go ba ntlo ya ga Dafita le mo baaging ba Jerusalema, mme ba tla nteba ke le yo ba mo tlhabileng; ba tla mo hutsafalela jaaka go hutsafalelwa loso lwa ngwana yo o esi; ba tla mo lelela ka bogalaka jaaka ngwana yo o tsetsweng pele a lelelwa.
Ka letsatsi leo maoto a gagwe a tla bo a eme mo Thabeng ya Diolefa e e lebaganyeng le Jerusalema, mo ntlheng ya botlhabatsatsi; mme Thaba ya Diolefa e tla phatloga go tloga bogareng jwa yona go ya kwa botlhabatsatsi le go ya kwa bophirimatsatsi, go be go tswa mokgatsha o mogolo thata; ntlha nngwe ya thaba e tla sutela kwa bokone, ntlha e nngwe ya yona kwa borwa.