Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 24:19 - Setswana 1970

19 A ba raya a re: “Dilo dife?” Ba mo raya ba re: “Tsa ga Jesu wa Nasaretha, yo e neng e le monna wa moporofeti yo o thata mo tirong le mo lefokong fa pele ga Modimo le batho botlhe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

19 Jesu a botsa a re, “Dilo di fe?” Ba re, “Dilo tse di dirageletseng Jesu, wa Monasara. E ne e le Moporofiti yo o neng a dira dikgakgamatso tse di leng thata go dumelwa ebile e le Moruti yo mogolo yo o neng a tlotlwa thata ke Modimo le batho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

19 Mi a ba raea, Lilo lihe? Mi ba mo raea, Lilo tsa ga Yesu oa Nasareta, eo e le le moperofeti eo e thata mo litihoñ, le mo mahukuñ, ha pele ga Morimo le bathu botle;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

19 A ba raya a re: “Dilo dife?” Ba mo raya ba re: “Dilo tsa ka ga Jesu wa Nasaretha, yo e neng e le moperofeti yo o nonofileng mo tirong le mo mafokong, fa pele ga Modimo le batho notlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 24:19
13 Iomraidhean Croise  

Mme bontsi jwa batho jwa araba jwa re: “Ke ene moporofeti Jesu yo o tswang kwa Nasaretha wa Galelea.”


“O na le eng le rona, Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re isa tatlhegong? Ke itse gore o mang; o Moitshepi wa Modimo.”


Yo mongwe wa bone, e bong Keleopa, a mo araba a re: “A ke wena moeng o le wesi mo Jerusalema yo o sa itseng tse di dirafetseng teng mo malatsing ano?”


Ke fa poifo e ba tshwara botlhe, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Moporofeti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona!” Gape ba re: “Modimo o lekotse batho ba ona.”


Yoo a tla go Jesu bosigo, a mo raya a re: “Moruti, re itse gore o moruti yo o tswang kwa Modimong; gonne ga go ope yo o ka dirang ditshupo tse wena o di dirang, fa Modimo o se na nae.”


Mosadi a mo raya a re: “Morena, ke lemoga gore o moporofeti.


Jaanong ya re batho ba bona sesupo se o se dirileng, ba re: “Ammaaruri, ke ene moporofeti yo go tilweng o tla tla mo lefatsheng.”


Ba mo araba ba re: “A le wena o wa kwa Galelea? Tlhotlhomisa o bone gore ga go na moporofeti ope yo o ka tswang kwa Galelea.”


e bong sa ga Jesu wa Nasaretha, jaaka Modimo o mo tloditse ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo; yo o ne a dikologa a dira molemo, a fodisa botlhe ba ba gatelelwang ke Diabolo; gonne Modimo o ne o na nae.


“Lona banna ba Iseraele, utlwang mafoko a: Jesu wa Nasaretha, monna yo lo mo supeditsweng ke Modimo ka dinonofo le dikgakgamatso le ditshupo tse Modimo o di dirileng ka ene mo gare ga lona jaaka lo itse ka losi,


Moše a rutwa botlhale jotlhe jwa Baegepeto, a nonofa mo mafokong le mo ditirong tsa gagwe.


“Mme Morena, Modimo wa gago, o tla go tsosetsa moporofeti mo gare ga gago wa ba ga eno yo o tshwanang le nna; lo reetse ene fela,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan