Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 23:9 - Setswana 1970

9 A mmotsa mafoko a mantsi; mme ene a se ka a mo araba sepe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 A botsa Jesu dipotso ka go latelana, mme a se ka a fetola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi a motsa ka mahuku a mantsi; mi a si ka a mo araba sepe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Mme a mmotsa ka mafoko a le mantsi; mme ene a se ka a mo fetola ka lepe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 23:9
13 Iomraidhean Croise  

Nkgolole mo ditlolong tsa me tsotlhe, o se ka wa ntira kgobo ya masilo.


E rile a bogisiwa a ikokobetsa, a sa bule molomo wa gagwe jaaka kwanyana e e isiwang kwa tlhabong le jaaka nku e e leng semumu fa pele ga babeodi ba yona. Ee, ga a ka a bula molomo.


Mme ya re a bewa molato ke baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe, a se ka a fetola sepe.


Mme a se ka a araba lefoko lepe la gagwe, mo molaodi o bileng a gakgamala thata.


“Lo se ka lwa naya dintšwa se se itshepileng; le gona lo se ka lwa latlhela ditalama tsa lona fa pele ga dikolobe, e se re gongwe tsa di gataka ka ditlhako tsa tsona, tsa ba tsa retologa, tsa lo gagoganya.


Mme Jesu a se ka a tlhola a araba sepe, Pilato a ba a tla a gakgamala.


A ba raya a re: “Yaang lo ree phokojwe eo lo re: ‘Bona, ke kgarameletsa medemone ntle, ke dira diphodiso kajeno le kamoso, mme ka moso o mongwe ke tla wetsa.’


Baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba ema ba mo latofatsa ka kgakalo.


A boa a tsena mo kagong ya molaodi, a botsa Jesu a re: “O tswa kae?” Mme Jesu a se ka a mo naya karabo.


Kgaolo e a neng a e buisa e ne e le e e reng: “O ne a gogelwa tlhabong jaaka nku; a se ka a bula molomo wa gagwe jaaka kwana e didimetse fa pele ga mmeodi wa yona.


E rile a kgalwa, a se ka a ba a kgala; ya re a bogisiwa, a se ka a bôpa, mme a ineela fela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan