Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 23:7 - Setswana 1970

7 Ya re a sena go tlhaloganya gore ke wa taolo ya ga Herote, a mo romela go Herote, yo le ene o ne a le mo Jerusalema ka malatsi ao.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 Mme ya re ba dumela, Pilatwe a re ba mo ise kwa go Kgosi Herode, gonne Galalea o ne a le ka fa tlase ga taolo ya ga Herode, mme Herode o ne a le mo Jerusalema ka lobaka loo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi ka a sina tlaloganya ha e le oa bogosi yoa ga Herode, a mo romela go Herode, eo le ena o la a le mo Yerusalema ka motla ouo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Ya re a sena go tlhaloganya fa a le wa puso ya ga Herote, a mo isa kwa go ene Herote, yo le ene ka esi o neng a le mo Jerusalema ka lobaka loo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 23:7
9 Iomraidhean Croise  

Metlheng eo kgosi Herote a utlwela tumo ka ga Jesu,


Herote a re jalo, gonne o ne a tshwere Johane, a mo golega, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya ga Herodia, mosadi wa ga Filipo morwa-rraagwe.


E rile ka letsatsi la botsalo jwa ga Herote, morwadia Herodia a bina fa pele ga bone, a kgatlha Herote.


Kgosi Herote a utlwa ka ga Jesu; gonne leina la gagwe le ne le itsege. Mme a re: “Johane Mokolobetsi o tsogile mo baswing, ke ka moo dithata di itshupang mo go ene.”


Ka yona nako eo ga tla Bafarisai bangwe, ba mo raya ba re: “Tloga mono o tshabe; gonne Herote o batla go go bolaya.”


Ya re Pilato a utlwa ka ga Galelea, a botsa gore a motho yo ke Mogalelea.


E rile ka ngwaga wa 15 wa puso ya Kaisara Tiberio, fa Pontio Pilato a le molaodi wa Jutea, le Herote a le kgosi ya Galelea, le Filipo morwa-rraagwe a le kgosi ya Iturea le lefatshe la Teragoniti, le Lesania a le kgosi ya Abilene,


Ya re kgosi Herote a utlwa ka ga tsotlhe tse di dirafalang tseo, a akabala, ka bangwe ba ne ba re: “Johane o tsogile mo baswing.”


“Gonne ruri, mo motseng o, Herote le Pontio Pilato mmogo le baheitane le ditso tsa Iseraele, ba ikopantse go lwantsha Jesu, Motlhanka wa gago yo o boitshepo, yo ò mo tloditseng,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan