Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 23:43 - Setswana 1970

43 Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke go raya ke re: Kajeno o tla nna le nna mo Parateiseng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

43 Mme Jesu a fetola a re, Tsatsi jeno o tlaa nna le nna kwa Paradaiseng ke go solofetsa ka boammaaruri.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

43 Mi Yesu a mo raea, Amarure kia gu raea, U tla na le ’na kua Paradaiso gompienu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

43 Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri, ke a go raya, o tlaa nna le nna kwa Parataise gompieno.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 23:43
22 Iomraidhean Croise  

Ke ne ka go ipobolela boleo jwa me, mme ka se ka ka fitlha tshiamololo ya me. Ke rile: “Ke tla ipobolela Morena ditlolo tsa me,” mme wa tlosa molato wa boleo jwa me. Sela.


O mpitse ka letsatsi la tlalelo; ke tla go namolela, mme o tla nkgalaletsa.”


O tla bona tseo, a kgora ka ntlha ya tapisego ya mowa wa gagwe. “Motlhanka wa me yo o siameng o tla siamisa ba bantsi ka kitso ya go mo itse, mme melato ya bone ene o tla e rwala.


Ke tla ba araba ba ise ba bitse; ke tla ba utlwa ba sa ntse ba bua.


Ke mang yo e leng Modimo jaaka wena o o itshwarelang molato, o o iphapaanyang tlolo ya masalela a boswa jwa ona? Ga o nke o boloka bogale jwa ona ka bosakhutleng, gonne o natefelwa ke bopelotlhomogi.


gonne Morwa-Motho o tsile go batla le go pholosa se se latlhegileng.”


A ba a raya Jesu a re: “Morena, o nkgopole motlhang o tsenang mo bogosing jwa gago.”


Mme e tla re ke sena go ya le go lo baakanyetsa manno, ke boe, ke lo itseele gore kwa ke leng teng, le lona lo nne teng.


“Rara, ke rata gore ba o ba nneileng le bone ba nne le nna kwa ke leng teng, gore ba bone kgalalelo ya me e o e nneileng, ka o nthatile lefatshe le ise le thaiwe.


Mme re pelokgale, re bile re eletsa bogolo go huduga mo mmeleng le go goroga go nna le Morena.


Ke akabadiwa ke dilo tse pedi tse: Ke na le keletso ya go huduga le go nna le Keresete; kana moo go gaisa tsotlhe;


Ke gona ka moo o nonofileng go pholosa ka botlalo ba ba atamelang Modimo ka ene, ka a phela ka gale go ba rapelela.


“ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego! Yo o fenyang ke tla mo naya go ja setlhare sa bophelo se se mo Parateiseng ya Modimo.’


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan