Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 23:41 - Setswana 1970

41 Kana, fa e le rona, go re siametse; gonne re bona tse di tshwanetseng tse re di dirileng; mme yo, ene ga a dira sepe se se sokameng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

41 Mi rona, rure e re cuanetse; gone rea bona peco tse ri cuanetseñ tse re li rihileñ; mi monona eo, ga a riha sepe se se shokameñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

41 Mme rona ruri, e re tshwanetse; ka re bona tuelo e e tshwanetseng ditiro tsa rona; mme monna yo, ga a a dira sepe se se sokameng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 23:41
19 Iomraidhean Croise  

Mme ya re a le mo tlalelong, a kopa bopelotlhomogi mo Moreneng, Modimo wa gagwe, a ikokobetsa thata fa pele ga Modimo wa borraagwe;


Wena Modimo wa rona o fokoditse dipetso tse di tshwanetseng molato wa rona, wa re naya masalela a a phologileng a a kana. Jaanong morago ga tsotlhe tse di re dirafaletseng ka ntlha ya ditiro tse di bosula tsa rona le molato o mogolo wa rona,


Ba nanoga fa ba ntseng teng, ba buisa lokwalo lwa molao wa Morena, Modimo wa bone, karolo ya bone ya letsatsi; mme karolo ya bone e nngwe ba ipobola dibe, ba obamela Morena, Modimo wa bone.


Ka rapela Morena, Modimo wa me, ka ipobola ka re: “Ao! Morena, Modimo o mogolo o o boitshegang; ba ba go ratang, ba ba tshegetsang ditaolo tsa gago, o ba bolokela kgolagano le bopelotlhomogi.


Ya re a ntse mo sedulong sa katlholo, mosadi wa gagwe a roma go ene a re: “O se ka wa nna le sepe le mosiami yoo; gonne ke bogile tse dintsi bosigong jono mo torong ka ntlha ya gagwe.”


Ya re Pilato a bona gore o a palelwa, mme bogolo go bile go tsoga pheretlhego, a tsaya metsi, a tlhapa diatla fa pele ga batho a re: “Ga ke na molato mo mading a mosiami yo; a go bone lona.”


a re: “Ke leofile, ka ke tshwarisitse motho yo o se nang molato.” Bona ba re: “Ga re na sepe le tseo. A go bone wena!”


Mme molaodi-wa-lekgolo le ba ba lebeletseng Jesu nae, ya re ba bona thoromo ya lefatshe le tse di dirafalang, ba boifa thata ba re: “Ammaaruri, yo e ne e le Morwa Modimo.”


Yo mongwe a fetola, a mo kgalemela a re: “A le wena ga o boife Modimo, etswe o atlhotswe fela jaaka ene?


A ba a raya Jesu a re: “Morena, o nkgopole motlhang o tsenang mo bogosing jwa gago.”


Lo basupi, le Modimo ke mosupi ka fa re neng re itshotse ka teng ka boitshepo le ka tshiamo le ka go se na molato mo go lona ba lo dumelang,


Ka moo, ikokobeletseng Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla tshaba mo go lona.


mme e le ka madi a a molemolemo a ga Keresete, e le a kwana e e se nang nyatsego le fa e le sebala,


E rile a kgalwa, a se ka a ba a kgala; ya re a bogisiwa, a se ka a bôpa, mme a ineela fela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan