Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 23:14 - Setswana 1970

14 a ba raya a re: “Lo tsisitse motho yo kwano go nna, jaaka mongwe yo o faposang batho. Kana ke mmotsoloditse fa pele ga lona, mme ka se ka ka bona molato ope mo go ene wa tse lo mo latofatsang ka tsona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

14 a bolela mogopolo wa gagwe a re, “Lo ntereditse monna yo, lo mmaya molato ka go tsosa khuduego kgatlhanong le mmuso wa Se-Roma. Mme ke mo tlhatlhobile sentle mo ntlheng e mme ga ke mmone molato ope.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Lo lerile monona eo go ’na, yaka moñue eo o shokamisañ bathu; mi bonañ, ki mo botsisitse ha pele ga lona, mi ga kia ka ka bona molatu ope mo mononeñ eo, oa lilo tse lo mo pateletsañ ka cona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 “Lo tlisitse monna yo kwa go nna, jaaka mongwe yo o sokamisang setšhaba, bonang, ke mmoditse fa pele ga lona, mme ke se ka ka bona molato ope mo monneng yo, ka ga dilo tse lo reng o molato ka ga tsone;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 23:14
10 Iomraidhean Croise  

Ka moo baokamedi mmogo le dikgosana ba batla lebaka go ka baya Daniele molato ntlheng ya puso, mme ba palelwa ke go bona molato gongwe tshenyo mo go ene; ka gonne o ne a ikanyega, go sa bonwe phoso epe le e seng tshenyo mo go ene.


Gonne moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo o ne a batlega mo go rona, yo o boitshepo, a se na bosula, a se na sebala, a kgaogantswe le baleofi, a tlhatloga go feta magodimo;


Mme le fa ba se ka ba fitlhela molato ope o o tshwanetseng loso mo go ene, ba kopa Pilato gore a bolawe.


Mme molaodi-wa-lekgolo le ba ba lebeletseng Jesu nae, ya re ba bona thoromo ya lefatshe le tse di dirafalang, ba boifa thata ba re: “Ammaaruri, yo e ne e le Morwa Modimo.”


Ya re Pilato a bona gore o a palelwa, mme bogolo go bile go tsoga pheretlhego, a tsaya metsi, a tlhapa diatla fa pele ga batho a re: “Ga ke na molato mo mading a mosiami yo; a go bone lona.”


Ya re a ntse mo sedulong sa katlholo, mosadi wa gagwe a roma go ene a re: “O se ka wa nna le sepe le mosiami yoo; gonne ke bogile tse dintsi bosigong jono mo torong ka ntlha ya gagwe.”


a re: “Ke leofile, ka ke tshwarisitse motho yo o se nang molato.” Bona ba re: “Ga re na sepe le tseo. A go bone wena!”


Mme bone ba ne ba tsalegile bogolo go ba kwa Thesalonika, ba amogela Lefoko ka tlhagafalo yotlhe, ba lotolotsa Dikwalo ka letsatsi lengwe le lengwe gore a dilo tse, di ntse jalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan