Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 23:11 - Setswana 1970

11 Herote a mo nyatsa mmogo le badiredi ba gagwe, a mo sotla; a ba a mo apesa seaparo se se phatsimang, a mmusetsa kwa go Pilato.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 Mme Herode le masole a gagwe ba simolola go sotla Jesu ba mo tshega; ba mo apesa seaparo sa segosi, ba mmusetsa kwa go Pilatwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi Herode le batlabani ba gague ba mo nyatsa, ba mo shotla; mi ba mo apesa ka seaparo se se phatsimañ: mi ba ba ba mo romela go Pilato.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Le Herote le batlhabani ba gagwe ba mo nyatsa, ba mo sotla, ba mo apesa seaparo se se manyedinyedi, ba mmusetsa gape kwa go Pilato.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 23:11
16 Iomraidhean Croise  

Ba ne ba goela kwa go wena, mme ba pholosiwa; ba ne ba go ikanya, mme ba se ka ba tlhajwa ke ditlhong.


Morena, Mogolodi wa Iseraele, Moitshepi wa gagwe, o bua jaana le yo o nyatsegang thata, yo e leng maila mo setšhabeng, yo e leng motlhanka wa barena ba ba setlhogo, a re: “Dikgosi le dikgosana di tla bona, di nanoga, di obamela ka ntlha ya Morena yo o ikanyegang le ka ntlha ya Moitshepi wa Iseraele yo o go itlhaoletseng.”


O ne a nyatsega, a tlogelwa ke batho; e le monna wa matlhoko, a tlwaetse bolwetse; e le yo ba mo fitlhelang difatlhego; a nyatsega, mme ra se ka ra mo kaya sepe.


Metlheng eo kgosi Herote a utlwela tumo ka ga Jesu,


Herote a re jalo, gonne o ne a tshwere Johane, a mo golega, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya ga Herodia, mosadi wa ga Filipo morwa-rraagwe.


E rile ka letsatsi la botsalo jwa ga Herote, morwadia Herodia a bina fa pele ga bone, a kgatlha Herote.


A ba raya a re: “Ee, Elia o tla tla pele go siamisa tsotlhe; mme go kwadilwe jang ka ga Morwa-Motho gore a boge dilo tse dintsi, a be a nyadiwe?


Baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba ema ba mo latofatsa ka kgakalo.


Ke fa Jesu a tswela kwa ntle, a rwele serwalo sa mitlwa, a apere kobo e khibidu. Pilato a ba raya a re: “A motho! Bonang, motho!”


Gonne fa mo phuthegong ya lona go ka tsena motho wa dipalamonwana tsa gouta, a apere seaparo se sentle, mme go be go tsena mohumanegi wa seaparo se se maswe,


mme fa lo tlhokomela yo o apereng seaparo se sentle lo re: “Wena nna fa bonnong jo bontle,” mme lo raya mohumanegi lo re: “Wena ema foo, gongwe o nne fa fatshe fa sebeong sa me sa dinao,”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan