Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 22:70 - Setswana 1970

70 Botlhe ba re: “Mme a o Morwa Modimo?” A ba araba a re: “Lo a bolela, ke nna ene.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

70 Hong ba goa botlhe ba re, “A jaanong o ipitsa gore o Morwa Modimo?” Mme a fetola a re, “Ee ke ene.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

70 Mi botle ba re, Mi a u Moroa Morimo? Mi a ba raea, Loa re, Ki ’na.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

70 Ba bua botlhe ba re: “A o Morwa Modimo?” A ba raya a re: “Lona lwa re, ke nna ene.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 22:70
20 Iomraidhean Croise  

Atlang Morwa gore a se ka a gakala, mme lwa latlhega mo tseleng. Gonne bogale jwa gagwe bo ka akofa jwa tuka. Go sego bona botlhe ba ba mo ikanyang.


Ke rata go bolela ka ga maikaelelo a Morena. O ntheile a re: “O morwaake, ke go tsetse kajeno.


Jutase yo o mo tshwarisang a mmotsa a re: “Moruti, a ke nna?” Ene a araba a re: “O boletse jalo.”


Jesu a mo raya a re: “O boletse jalo. Fela ke lo raya ke re: Go tloga jaanong lo tla bona Morwa-Motho a ntse ka fa letsogong le le jang la Nonofo, a bile a tla ka maru a legodimo.”


Jaanong Jesu a emisiwa fa pele ga molaodi. Molaodi a mmotsa a re: “A ke wena kgosi ya Bajuta?” Jesu a re: “O bolela jalo.”


O ikantse Modimo; a o mo golole jaanong, fa o mo rata; gonne o rile: ‘Ke Morwa Modimo.’ ”


Mme molaodi-wa-lekgolo le ba ba lebeletseng Jesu nae, ya re ba bona thoromo ya lefatshe le tse di dirafalang, ba boifa thata ba re: “Ammaaruri, yo e ne e le Morwa Modimo.”


Mme lentswe la utlwala, le tswa kwa magodimong le re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo itumelelang.”


Jaanong moraedi a tla, a mo raya a re: “Fa o le Morwa Modimo, bua gore majwe a, a fetoge dinkgwe.”


Jesu a re: “Ke nna; mme lo tla bona Morwa-Motho a ntse ka fa letsogong le le jang la thata ya Modimo, a tla ka maru a legodimo.”


Pilato a mmotsa a re: “A ke wena kgosi ya Bajuta?” A mo araba a re: “O bolela jalo.”


Bone ba re: “Re sa batlelang tshupo? Gonne re e utlwile ka rosi ka molomo wa gagwe.”


Pilato a mmotsa a re: “A ke wena Kgosi ya Bajuta?” A mo araba a re: “O bolela jalo.”


Medemone le yona ya tswa mo go ba le bantsi, ya goa ya re: “O Morwa Modimo.” Mme a e kgalemela, a se ka a e lesa go bua; gonne e ne e itse gore ke ene Keresete.


Ke bonye, ka ba ka supa gore yo ke Morwa Modimo.”


Nathanaele a mo fetola a re: “Moruti, ke wena Morwa Modimo, ke wena kgosi ya Iseraele.”


“Nna le Rara re bongwefela.”


a lo bolela ka ga gagwe yo Rara a mo itshepisitseng, a mo romela mo lefatsheng, lo re: ‘O a kgala,’ ka ke buile ka re: ‘Ke Morwa Modimo’?


Pilato a mo raya a re: “Mme a e fela o le kgosi?” Jesu a araba a re: “O bolela jalo, ke kgosi. Ke tsaletswe gona, ke bile ke tletse gona mo lefatsheng gore ke supe ka ga boammaaruri. Mongwe le mongwe yo e leng wa boammaaruri o utlwa lentswe la me.”


Bajuta ba mo fetola ba re: “Re na le molao, mme ka fa molaong wa rona o tshwanetse go swa; gonne o itshemile Morwa Modimo.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan