Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 22:61 - Setswana 1970

61 Ke fa Morena a retologa, a leba Petoro, mme Petoro a gakologelwa lefoko la Morena ka fa a mo reileng ka teng a re: “E tla re mokoko o ise o lele kajeno, o intatole gararo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

61 Mme ya re ka lobaka loo Jesu a retologa a leba Petere mme Petere a gakologelwa gore o ne a mo reile a re, “Pele ga mokoko o lela ka moso mo mosong o tlaa bo o intatotse gararo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

61 Mi ka Morena a retologa, a leba Petero. Mi Petero a gakologeloa lehuku ya Morena, kaha o la a mulelela ka gona, U tla ’ntatola ga teri, koku e tona e si e lele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

61 Mme Morena a retologa, a leba Petere. Mme Petere a gakologelwa lefoko la Morena, jaaka a mo reile a re: “E tlaa re koko e tona e ise e lele gompieno, o tlaa bo o intatotse gararo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 22:61
19 Iomraidhean Croise  

Ene o tla opelela batho a re: ‘Ke ne ke leofile, ka sokamisa tse di siameng, mme Modimo ga o a nkotla ka fa go ntebanyeng.


gore o akanye, o tlhajwe ke ditlhong, o palelwe ke go bula molomo gape ka ntlha ya ditlhong tsa gago, fa ke go itshwarela tsotlhe tse o di dirileng.” Go bua Morena Modimo.


“Nka go latlha jang, Eferaime? Nka go tlogela jang, Iseraele? Nka go dira jang jaaka Atema? Nka go senya jang jaaka Seboime? Ke tlhomoga pelo, ke go utlwela botlhoko thata.


Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke go raya ke re: O tla intatola gararo mo bosigong jono, mokoko o ise o lele.”


Jaanong Petoro a gakologelwa lefoko le Jesu a le buileng a re: “E tla re mokoko o ise o lele, o be o intatotse gararo.” Mme a tswela kwa ntle, a lela mo go botlhoko.


Jesu a akofa a itemoga, fa thata e dule mo go ene; a ba a retologa mo bathong a re: “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?”


Mme Morena a mo araba a re: “Maretha, Maretha, o itshwenya ka tse dintsi, o bile o itlhokisa boiketlo.


Mme Jesu a re: “Ke a go bolelela, Petoro, mokoko ga o nke o lela kajeno, wena o ise o intatole gararo o re, ga o nkitse.”


Mme Petoro a re: “Monna, ga ke itse se o se buang.” Mme ka bonako, ya re a sa ntse a bua, mokoko wa lela.


Petoro a tswela kwa ntle, a lela mo go botlhoko.


Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.”


Foo Johane a ipiletsa barutwa ba le babedi ba gagwe, a ba roma go Morena a re: “A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?”


Jesu a araba a re: “A o ka nntshetsa bophelo jwa gago? Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Mokoko ga o nke o lela, o ise o intatole gararo.


Ene yoo, Modimo o mo godisitse ka letsogo la ona le le jang, go nna Moeteledipele le Mopholosi gore a nee Iseraele tlhabologo le boitshwarelo jwa dibe.


Ka moo lona ba lo kileng lwa bo lo le baheitane ka fa nameng, ba lo bidiwang ba-sa-rupang ke ba ba bidiwang ba borupi jo bo dirwang ka diatla mo nameng, gakologelwang gore


Jaanong gopola se o oleng mo go sona o tlhabologe, o dire ditiro tsa ntlha; fa o sa dire jalo, ke tla tla koo go wena, ke tlosa setlhomo sa gago sa lobone mo bonnong jwa sona, fa o sa tlhabologe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan