Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 22:53 - Setswana 1970

53 E rile ke ntse ke na le lona ka malatsi otlhe mo Tempeleng, lwa se ka lwa ntshetsa diatla; mme nako eno ke nako ya lona le thata ya lefifi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

53 Ke eng fa lo ne lo sa ntshware mo Tempeleng. Ke ne ke le koo malatsi otlhe. Mme lo ke lobaka lwa lona, lobaka lo nonofo ya ga Satane e busang thata ka lone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

53 Ki rile ki na le lona ka malatsi aotle mo tempeleñ, ga lo e si lo ’ntsetse atla tsa lona; mi oura o ki oa lona, le thata ea lehihi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

53 E ne ya re ke sa ntse ke na le lona ka malatsi otlhe mo tempeleng, ga lo a ka lwa nkotlololela mabogo; mme lono ke lobaka lwa lona, le thata ya lefifi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 22:53
20 Iomraidhean Croise  

Tse di reng: Moduduetso wa baikepi o mokhutshwanyane fela; boitumelo jwa ba ba pelompe ke jwa sebakanyana fela.


E rile a sena go tsena mo Tempeleng, mme a ruta, baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe ba tla go ene ba re: “Dilo tse o di dira ka thata efe? Ke mang yo o go neileng thata e?”


Jaanong Jesu a raya baperesiti ba bagolo le balaodi ba Tempele le bagolo ba morafe ba ba tsileng go ene a re: “A lo bolotse ka ditšhaka le melamu, jaaka e kete lo tsoma senokwane?


Foo ba mo tshwara, ba tsamaya ka ene, ba mo isa kwa ntlong ya moperesiti yo mogolo. Petoro a ba latela a le kgakala.


“Jaanong mowa wa me o huduegile, mme ke tla reng? ‘Rara, nkgolole mo nakong e’? Mme kana ke tlile mo nakong e ka ntlha ya moo.


Jaanong ya re a sena go tsaya thathana, a tswa ka pele; mme go ne go le bosigo.


Ga nkitla ke tlhola ke bua tse dintsi le lona; gonne molaodi wa lefatshe leno o e tla, mme ga a na thata epe mo go nna;


Jaanong ba batla go mo tshwara; mme ga se ka ga nna ope yo o mo ntshetsang letsogo, ka nako ya gagwe e ne e ise e tle.


Ke fa batlhanka ba boela kwa baperesiting ba bagolo le Bafarisaing; mme bone ba ba raya ba re: “Lo ne lo sa mo tsisetseng?”


go ba budulola matlho gore ba sokologe, ba tswe mo lefifing, ba tsene leseding, ba tswe mo thateng ya ga Satane, ba ineele Modimo, gore ba amogele boitshwarelo jwa dibe le boswa mmogo le ba ba itshepisitsweng ka go dumela mo go nna.’


gonne ga re lwantshe madi le nama, mme re lwa le mebuso le bathata le barena ba lefifi la lefatshe leno le mewa e e bosula e e mo mafelong a a kwa godimo.


a re golola mo thateng ya lefifi, a re tsenya mo pusong ya Morwaa-ona wa lorato


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan