Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 22:44 - Setswana 1970

44 Ya re a le mo tlalelong e kgolo, a rapela ka bojotlhe jwa gagwe; mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a madi a a rothelang fa fatshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

44 gonne o ne a le mo tlhokofatsong ya mowa mo o neng a rotha mofufutso wa madi; ka marothodi a magolo a wela fa fatshe fa a ntse a rapela thata ka tlhoafalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

44 Mi ka a le mo tlaleloñ e kholu, a rapela thata bogolu; mi mohuhuco oa gague oa na yaka mashuele a mari a a rothelañ ha hatse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

44 Mme ka a le mo tlalelong e e mahehe, a rapela ka tlhoafalo e kgolo; mme mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a magolo a madi, a rothela fa fatshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 22:44
16 Iomraidhean Croise  

Mme go ne ga kgatlha Morena go mo itaya le go mo tlhokofatsa. Fa a sena go ntshetsa bophelo jwa gagwe setlhabelo sa boleo, o tla bona losika, a phela malatsi a mantsi, mme tse di kgatlhang Morena di tla tswelela pele ka seatla sa gagwe.


“Heelang! Lona lotlhe, bafeti tseleng, lebang tlhe, lo bone: A go teng botlhoko jaaka jwa me jo bo ntirafaletseng jo ke otlilweng ke Morena ka jona ka letsatsi la bogale jo bo tukang jwa gagwe?


Ya re a tsoga mo thapelong, a tla kwa barutweng, a fitlhela ba robetse ka ntlha ya bohutsana.


“Jaanong mowa wa me o huduegile, mme ke tla reng? ‘Rara, nkgolole mo nakong e’? Mme kana ke tlile mo nakong e ka ntlha ya moo.


O e bileng o sa rekegela Morwaa-ona, mme o mo neetse mo losong ka ntlha ya rona rotlhe, o ka tlhoka jang go re abela dilo tsotlhe nae?


Ke ene yo, mo malatsing a nama ya gagwe o isitseng merapelo le mekokotlelo ka selelo se se thata le ka dikeledi kwa go ona o o nonofileng go mo golola mo losong, mme a utlwiwa, a gololwa mo poifong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan