Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 22:42 - Setswana 1970

42 a re: “Rara, fa o rata, tlosa senwelo se mo go nna; fela a go se dirafale thato ya me, mme go dirafale ya gago!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

42 A re, Rra, ha u rata, ’ntlosa senoelo se; mi esiñ thato ea me, mi a ea gago e rihale.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

42 a re: “Rra, fa e le go rata ga gago, tlosa senwelo se mo go nna; le fa go ntse jalo, e seng go rata ga me, mme a go rata ga gago go dirale.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 22:42
21 Iomraidhean Croise  

Foo ke ne ka re: “Bona, ke e tla, go kwadilwe ka ga me mo lokwalong.


Itsose, itsose, o tsoge, wena Jerusalema yo o nositsweng senwelo sa bogale jwa Morena ka seatla sa gagwe; wa nwa senwelo se se theekedisang, wa se minolosa.


Morena wa gago, Morena, Modimo wa gago, yo o lwelang morafe wa gagwe, o bua jaana a re: “Bona, ke tlositse senwelo se se theekedisang mo seatleng sa gago, e bong senwelo sa bogale jwa me. Ga o kitla o tlhola o se nwa.


Gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o buile jaana le nna a re: “Senwelo se sa weine ya bogale, se tsee mo seatleng sa me, o se nose ditšhaba tsotlhe tse ke go romelang kwa go tsona


Ka nako eo Jesu a bua a re: “Ke a go boka, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka ò fitlhetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang dilo tse, mme ò di senoletse ba ba sa rutegang.


Ee, Rara; gonne e ne e le kgatlhego ya gago gore go nne jalo.


Jesu a fetola a re: “Ga lo itse se lo se kopang. A lo nonofile go nwa senwelo se ke yang go se nwa le go kolobediwa ka kolobetso e ke yang go kolobediwa ka yona?” Ba mo raya ba re: “Re nonofile.”


Jaanong a ya kwa pelenyana, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a rapela a re: “Rra, fa go ka kgonega, a senwelo se, se mphete; fela e se nne ka fa nna ke ratang ka teng, mme go dirafale ka fa wena o ratang ka teng!”


A ya gape lwa bobedi, a rapela a re: “Rra, fa senwelo se, se sa ka ke sa mpheta ke sa se nwe, a thato ya gago e dirafale!”


A ba tlogela, a ya gape, a rapela lwa boraro, a fela a ntse a bua mafoko ao.


puso ya gago a e tle; thato ya gago a e dirafale mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.


A ba a re: “Abba, Rra, dilo tsotlhe o a di kgona; tlosa senwelo se fa go nna. Fela go se nne ka fa go rateng ga me, go nne ka fa go rateng ga gago.”


Jesu a bua a re: “Rara, ba itshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme ba kgaogana diaparo tsa gagwe ka go tlhama tengwa.


Foo Jesu a raya Petoro a re: “Somela tšhaka mo kgatleng. A ga ke a tshwanela go nwa senwelo se Rara a se nneileng?”


Jesu a ba raya a re: “Sejo sa me ke go dira thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.


“Ga nka ke ka dira sepe ka bogame. Ke atlhola ka fa ke utlwang ka teng, mme katlholo ya me ke ya tshiamo; gonne ga ke batle thato ya me, ke batla thato ya yo o nthomileng.


Gonne ke fologile kwa legodimong, e seng go dira thato ya me, fa e se go dira thato ya yo o nthomileng.


Mme ya re a gana go rapelesega, ra ineela ra re: “A thato ya Morena e dirafale!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan