Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 22:41 - Setswana 1970

41 A ba a katogana nabo, go ka nna kana ka makonopelo a lentswe, a khubama ka mangole, a rapela

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

41-42 Mme a tsamaya gongwe e ka ne e le sebaka sa konopelo ya lentswe, a khubama a rapela thapelo e: “Rara, fa o rata tsweetswee, tlosa senwelo se sa tlhokofatso mo go nna mme ke batla go rata ga gago, e seng ga me.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

41 Mi a ikhaoganya nabo, e kane e le kua leincue le ka konopeloañ gona, mi a khubama, a rapela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

41 Mme a katogana nabo, e ka ne e le jaaka kwa lentswe le ka konopelwang teng; mme a khubama, a rapela

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 22:41
9 Iomraidhean Croise  

Jaanong a ya kwa pelenyana, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a rapela a re: “Rra, fa go ka kgonega, a senwelo se, se mphete; fela e se nne ka fa nna ke ratang ka teng, mme go dirafale ka fa wena o ratang ka teng!”


Jaanong a ya fa pelenyana, a wela fa fatshe, a rapela gore fa go ka kgonega, nako e, e mo fete.


“Mofarisai a ema, a ithapelela jaana a re: ‘Modimo, ke a go leboga ka ke sa tshwane le batho ba bangwe, e bong dinokwane le basiamolodi le bagokafadi, gongwe jaaka mokgethisi yo.


“Mokgethisi ene a emela kgakala, le matlho a se ka a rata go a tsholeletsa kwa legodimong, mme a itshwara seledu a re: ‘Modimo, intshwarele nna moleofi!’


Ya re a sena go bua jalo, a khubama, a rapela nabo botlhe.


Ya re re sena go swetsa malatsi ao, ra tloga, ra tswelela, bone botlhe ba na le basadi le bana ba re buledisa, go ya re be re tswe mo motseng; ra khubama fa losing lwa lewatle, ra rapela.


Jaanong a khubama, a kua ka lentswe le legolo a re: “Morena, o se ka wa ba balela sebe se!” Ya re a sena go bua jalo, a robala.


Ke fa Petoro a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a khubama a rapela, a ba a retologela kwa serepeng a re: “Tabitha, tsoga!” A buduloga matlho, mme ya re a bona Petoro, a kanamologa.


Ke ene yo, mo malatsing a nama ya gagwe o isitseng merapelo le mekokotlelo ka selelo se se thata le ka dikeledi kwa go ona o o nonofileng go mo golola mo losong, mme a utlwiwa, a gololwa mo poifong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan