Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 22:34 - Setswana 1970

34 Mme Jesu a re: “Ke a go bolelela, Petoro, mokoko ga o nke o lela kajeno, wena o ise o intatole gararo o re, ga o nkitse.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

34 Mme Jesu a mo raya a re, “Petere, mma ke go bolelele sengwe. Go simolola ka nako eno go ya go tsena ka moso mo mosong fa mokoko o lela, o tlaa bo o intatotse gararo, o bolela gore ga o nkitse.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

34 Mi a re, Kia gu raea, Petero, Koku e tona ga e kitla e lela gompienu, u tlo u tsamaea u ’ntatole ga teri, u re, ga u ’nkitse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

34 Mme a re: “Ke a go bolelela Petere, koko e tona ga e ketla e lela gompieno o ise o intatole gararo, o re ga o nkitse.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 22:34
9 Iomraidhean Croise  

Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke go raya ke re: O tla intatola gararo mo bosigong jono, mokoko o ise o lele.”


Ke fa a simolola go rogaka le go ikana a re: “Ga ke itse motho yoo.” Mme mokoko wa akofa wa lela.


Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke go raya ke re: Kajeno mo bosigong jono, wena o tla intatola gararo, mokoko o ise o lele gabedi.”


Ene a mo fetola a re: “Morena, fa ke na nao, ke iketleeditse go ya le mo ntlong ya kgolegelo le mo losong.”


A boa a ba raya a re: “E rile ke lo roma, lo se na sekgwama le kgwatlha le ditlhako, a lo ne lwa tlhoka sengwe?” Ba re: “Le e seng sepe.”


Ke fa Morena a retologa, a leba Petoro, mme Petoro a gakologelwa lefoko la Morena ka fa a mo reileng ka teng a re: “E tla re mokoko o ise o lele kajeno, o intatole gararo.”


Jesu a araba a re: “A o ka nntshetsa bophelo jwa gago? Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Mokoko ga o nke o lela, o ise o intatole gararo.


Ke fa Petoro a latola gape, mme mokoko wa akofa wa lela.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan