Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 22:22 - Setswana 1970

22 Tota Morwa-Motho o tsamaya jaaka go laotswe; fela go latlhega motho yoo yo o mo tswang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 Ke tshwanetse go swa. Ke ntlha nngwe ya leano la Modimo. Mme bomadimabe bo letile monna yo, yo o nkokang,”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 Mi Moroa mothu o ea rure yaka go laocoe; mi go latlega monona eo, o okoañ ki ena!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 Gonne ruri Morwa Motho o tsamaya jaaka go ikaeletswe; mme go latlhega monna yo o okwang ke ene!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 22:22
26 Iomraidhean Croise  

Le gona ke tla baya letlhoo fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe; lone lo tla go tšhwetla tlhogo, mme wena o tla lo loma serethe.”


“Tšhaka, tsogela modisa wa me, le monna yo o nang le nna,” go bua Morena wa masomosomo; “itaya modisa gore dinku di phatlalale; mme ke tla busetsa letsogo la me kwa go tse dipotlana.”


Fa e le Morwa-Motho, o tsamaya fela jaaka go kwadilwe ka ga gagwe; mme a tatlhego wee ya motho yoo, yo o tshwarisang Morwa-Motho! Go ka bo go le botoka mo go ene, fa a ka bo a se ka a tsalwa.”


Ke fa a latlhela diselefera mo Tempeleng, a tsamaya a ya a ipeta.


Fa e le Morwa-Motho, o tsamaya fela ka fa go kwadilweng ka ga gagwe ka teng; mme go latlhega motho yoo, yo o tshwarisang Morwa-Motho! Go ka bo go le botoka mo go ene, fa a ka bo a se ka a tsalwa.”


Ke fa ba simolola go botsanya gore e ka nna ofe wa bone yo o tla dirang jalo.


A ba raya a re: “Go kwadilwe jalo, mme go ne go tshwanetse gore Keresete a boge, a be a tsoge mo baswing ka letsatsi la boraro,


E rile ke sa ntse ke na nabo mo lefatsheng, ka ba femela ka leina la gago; ba o ba nneileng ka ba disa. Ga go ope wa bone yo o latlhegileng, fa e se morwa-tatlhego, gore Lokwalo lo dirafale.


Mme o re laetse go rerela batho le go supa gore ke ene yo o tlhomilweng ke Modimo go nna moatlhodi wa baphedi le baswi.


gonne o tlhomile letsatsi le o tla atlholang lefatshe ka lone ka tshiamo, ka monna yo o mmeetseng gona, mme o buletse botlhe tsela ya go ka dumela ka go mo tsosa mo baswing.”


ene yoo yo o neetsweng losong ka maikaelelo a a beilweng ke Modimo le ka kitsetsopele ya ona, lona lo mmapotse, lwa mmolaya ka diatla tsa baikepi;


ba tlhotlhomisa gore Mowa wa ga Keresete o o neng o le mo go bone o senola nako efe le e e ntseng jang, fa o supela pele dipogo tse di tla tlelang Keresete le tsa kgalalelo tse di tla di latelang.


Ka megagaru ya bone ba tla bapala ka lona ka mafoko a maaka. Mme go tloga bogologolo katlholo ya bone ga e diege, le tatlhego ya bone ga e otsele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan