Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 21:34 - Setswana 1970

34 “Lo itise, e se re gongwe dipelo tsa lona tsa imafadiwa ke bojabobe le botagwa le ditshwenyegelo tsa botshelo, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganyetso jaaka seru;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

34-35 “Itiseng! Lo se letle gore go tla ga me ka tshoganetso go lo fitlhele lo sa ipaakanya. Ke se ka ka lo fitlhela lo iketlile mo boatleng, kgotsa mo medirong ya botlhapelwa, lo gapilwe ke matshwenyego a botshelo jo, jaaka mo lefatsheng lotlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

34 ¶ Mi lo itise gore pelu tsa lona li si imaharioe ki khokhomalo le tago, le papalelo tsa botselo yonu; gore motla ouo o si lo hitlele lo sa itebetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

34 “Lo itlhokomele, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imelelwa ke go kgora bobe, le go tagwa, le ke ditlhodiego tsa botshelo jono, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganetso jaaka seru;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 21:34
37 Iomraidhean Croise  

Tlaya, a re nose rraarona weine, re robale nae, re tsose losika ka rraarona.”


Ba dira jalo. Ba nosa rraabo weine le bosigo joo; yo mmotlana a ya a robala nae; mme ene a se ka a lemoga, fa a robala le fa a tsoga.


A ya, a di tsaya, a di tlisetsa mmaagwe; mme mmaagwe a apaya dijo tse di monate ka fa rraagwe a di ratang ka teng.


A tshenyego e mo wele a sa itse; a letloa le a le adileng sephiring le tshware ene; a a wele mo gopong ka esi.


Sefatlhego sa boikgodiso le pelo ya boikgantsho tse e leng go ikgatlha ga baikepi ke boleo fela.


Se nne le banwi ba bojalwa ba ba megagaru mo go jeng nama.


Gonne motho le ene ga a itse sebaka sa gagwe, jaaka ditlhapi fa di tshwarwa ka letloa le le bosula le jaaka dinonyane fa di thaisiwa ka serai. – Batho ba golegwa jaaka tsona ka nako ya tatlhego, fa e ba wela ka tshoganyetso.


Mme ba mono le bone ba theekela ka weine, ba thekesediwa ke bojalwa. Moperesiti le moporofeti ba theekela ka bojalwa, ke digole tsa weine, ba thekesediwa ke bojalwa. Ba a thekesela, fa ba bona pono; ba theekela fa ba atlhola.


“Boaka le weine le matute a moweine di senya pelo.


“E ne e re fa wena le bomorwao lo tsena mo Tenteng ya Boipontsho, lo se ke la nwa weine le fa e le dino tse di tagang gore lo se ka lwa swa. Ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa lona


Wa peo e e jwetsweng mo mitlweng ke ene yo o utlwang Lefoko; mme tshwenyego ya metlha eno le tsietso ya khumo di hupetse Lefoko, le be le tlhoke leungo.


“Mme lona lo itise; gonne ba tla lo tsenya mo makgotleng; lo tla bediwa mo disenagogeng, lo tla emisiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me go nna tshupo mo go bone.


Mme matshwenyego a metlha eno le tsietso ya lehumo le dikeletso tsa dilo tse dingwe di tsene, di hupetse Lefoko, mme le tlhoke leungo.


Mme Morena a mo araba a re: “Maretha, Maretha, o itshwenya ka tse dintsi, o bile o itlhokisa boiketlo.


Le lona, nnang lo iketleeditse; gonne Morwa-Motho o tla tla ka nako e lo sa e gopolang.”


Itiseng! “E re fa mokaulengwe wa gago a leofa, o mo kgalemele; mme fa a ikwatlhaya, o mo itshwarele.


gonne le tla wela botlhe ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe.


Mme a re: “Lo itise gore lo se timediwe! Gonne ba bantsi ba tla tla ka leina la me, ba ipitsa ba re: ‘Ke nna Keresete’; gape ba re: ‘Nako e atametse.’ Lo se ka lwa ba sala morago.


Tse di wetseng mo ditlhatshaneng tse di mmitlwa ke bone ba ba utlwileng, mme ba tsamaya ba imelwa ke matshwenyego le mahumo le menate ya lefatshe, ba hupediwa, mme go se ke go butswe leungo lepe mo go bona.


Mme tota ke lo kwaletse gore lo se tlhakane le ope yo o bidiwang modumedi, etswe e le moakafadi gongwe yo o pelotshetlha gongwe modiredi-medimo gongwe mokgadi gongwe letagwa gongwe senokwane; ke raya gore yo o ntseng jalo le go ja lo se ka lwa ja nae.


gongwe magodu gongwe ba ba bohula gongwe matagwa gongwe bakgadi gongwe dinokwane, ga go ope wa bone yo o tla ruang puso ya Modimo.


le tirelo-medimo e sele le tiriso ya mereo le tlhoano le komano le lefufa le dikgakalo le dikganetsanyo le diphapaano le dikgaogano tsa maitirelo


A go se ka ga nna ope yo e reng a utlwa mafoko a maikano le a khutso a ikaketsa mo pelong ya gagwe a re: ‘Ke tla tshela sentle, le fa ke sepela mo boithatelong jwa pelo ya me;’ ka go dira jalo go ka latlhega lefatshe lotlhe, le le metsi mmogo le le le omileng.


Se tshwenyegeleng sepe, mme a ka metlha tse lo di tlhokang di itsisiwe Modimo ka thapelo le kopo, di na le tebogo.


lo ele tlhoko gore go se nne ope yo o diegelang bopelotlhomogi jwa Modimo, e se re gongwe modi o o galakang wa tlhoga, wa senya, mme batho ba bantsi ba kgotlelega ka ona.


Mme letsatsi la Morena le tla tla jaaka legodu bosigo, magodimo a tla fela ka lone ka modumo o mogolo; dilo tse lefatshe le bopilweng ka tsona di tla tuka, di nyelela; lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla šwa.


Ka ntlha ya moo, baratwa, a e re lo lebeletse dilo tseo, lo tlhoafale gore lo fitlhelwe fa pele ga one lo se na maswe, le fa e le molato, mme lo le mo kagisong.


Jaanong he, gakologelwa ka fa o amogetseng, wa utlwa ka teng, o ele tlhoko, o be o sokologe. Fa o sa itise jaanong, ke tla tla jaaka legodu; mme ga o kitla o itse nako e ke tla go welang ka yona.


Ya re Abikaile a fitlha kwa go Nabale a fitlhela a na le moletlo mo ntlong ya gagwe o e keteng ke moletlo wa kgosi. Nabale o ne a itumetse a tagilwe gagolo thata. Mme Abikaile a se ka a mmolelela sepe, le fa e le se sebotlana gongwe se segolo go ya bo be bo se.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan