Luke 21:25 - Setswana 197025 “Foo go tla nna ditshupo mo letsatsing le mo ngweding le mo dinaleding; le mo lefatsheng go tla nna tlalelo ya merafe e le mo tharaanong, go le mesumo ya lewatle le makhubu a lone. Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha25 “Mme go tlaa nna le ditiragalo tse di sa tlwaelesegang mo loaping, ditlhagiso le botlhodi jo bo maswe mo letsatsing, ngwedi le dinaledi, le mono lefatsheng dichaba di tlaa nna mo pheretlhegong le mo tlalelong e kgolo ka ntlha ya modumo wa mawatle le makhubu a a sa tlwaelesegang. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)25 ¶ Mi licupo li tla na mo tsatsiñ, le mo khueriñ, le mo linaleriñ; mi tlalelo ea merahe e ne mo lehatsiñ, le pelaelo ea poiho; leoatle le lintelo li guasa ka khuasho e kholu. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo25 “Mme go tlaa nna ditshupo mo letsatsing, le mo kgweding, le mo dinaleding; le mo lefatsheng pitlagano ya merafe, e raraanngwa ke lewatle le dintelo go suma ka kgwaso e kgolo; Faic an caibideil |
“Ka sebaka seo go tla nanoga Migaele, kgosana e kgolo ele, go sireletsa bana ba morafe wa gago. E tla nna sebaka sa tlalelo se se iseng se ke se nne teng go tloga ka tlholego ya batho go fitlha nakong eo. Ka sebaka seo go tla pholosiwa morafe wa gago, e bong botlhe ba ba fitlhelwang ba kwadilwe mo lokwalong.