Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 21:19 - Setswana 1970

19 Lo tla bona maphelo a lona ka tshwarelelo ya lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

19 Gonne fa lo eme ka tlhomamo, lo tlaa boloka mewa ya lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

19 Bulukañ meoea ea lona ka bopelutelele yoa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

19 Lo tlaa ipoloka mewa ya lona ka bopelotelele jwa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 21:19
26 Iomraidhean Croise  

Didimalela Morena, o mo lebelele. O se ka wa ngongoregela yo o sego mo tseleng ya gagwe, le monna yo o dirafatsang maano a boferefere.


Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.


E rile ke utlwa jalo, teng ya me ya huduega, molomo wa me wa roroma ka ntlha ya modumo; go nyera ga ntsena mo marapong, ka tetesela fa ke emeng teng; gonne ke na le go iketlela letsatsi la tlalelo gore le tlele morafe o o re tlhaselang.


Lo tla tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, ene o tla pholosiwa.


Mme yo o itshokelang go ya bokhutlong ke ene yo o tla pholosiwang.


Tse di mo mmung o o siameng ke bone ba e a reng ba utlwile, ba boloke Lefoko mo pelong e ntle e e molemo, mme ba ungwe go ya pele.


Kana tsotlhe tse di kwadilweng pele di kwaletswe go re ruta gore re tle re nne le tsholofelo ka go tshwarelela le ka go kgothadiwa ke Dikwalo.


Ba ba batlang kgalalelo le tlotlo le bosafeleng ka go tshwarelela ditirong tse di molemo, o tla ba naya botshelo jo bo sa khutleng;


Mme e seng gona fela, e bile re ipoka ka ditlalelo, ka re itse gore tlalelo e dira boitshoko,


boitshoko bo dira boikanyego, boikanyego bo dira tsholofelo,


Mme fa re solofela se re sa se boneng, re se lebelela ka bopelotelele.


Ga re khutle go gopola tiro ya lona ya tumelo fa pele ga Modimo Rraetsho le matsapa a lona a lorato le tshwarelelo ya lona ya go solofela mo go Morena wa rona Jesu Keresete,


A Morena a gogele dipelo tsa lona loratong lwa Modimo le boitshokong jwa ga Keresete.


Gonne boitshoko bo lo tshwanetse, e tle e re lo sena go dirafatsa thato ya Modimo, lo amogele se se solofeditsweng.


Mme re eletsa gore mongwe le mongwe wa lona a supe tlhoafalo e e ntseng jalo gore a bone tsholofelo e e tletseng go ya bokhutlong,


Jaanong ya re a sena go leta jalo ka bopelotelele, a amogela tse a di solofeditsweng.


ka lo itse gore go lekwa ga tumelo ya lona go tsosa tlhomamo.


Mme tlhomamo e tshwanetse go nna le tiro e e tletseng gore lo nne botlalo, lo itekanele, lo se tlhaele mo go sepe.


le kitso ka boitshwaro, le boitshwaro ka tshwarelelo, le tshwarelelo ka poifo-Modimo,


Nna Johane, morwa-rraalona, yo o tlhakanetseng le lona pitlagano le puso le boitshoko mo go Jesu, ke ne ke le mo setlhakatlhakeng se se bidiwang Patemose ka ntlha ya Lefoko la Modimo le ka ntlha ya go supa ka ga Jesu.


Fa mongwe a isa ba bangwe botshwarong, le ene o tlaa isiwa mo botshwarong; fa motho a bolaya ka tšhaka, o na le go bolawa ka tšhaka. “Foo go batlega boitshoko jwa baitshepi le tumelo ya bone.”


Foo go batlega boitshoko jwa baitshepi ba ba tshegetsang ditaolo tsa Modimo le tumelo mo go Jesu.


E re ka o bolokile lefoko le le reng o tshwarelele mo go nna, le nna ke tla go femela ka nako ya thaelo e e tla welang lefatshe lotlhe gore go raelwe ba ba agileng mo go lone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan