Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 20:5 - Setswana 1970

5 Ba ikakanya ba re: “Fa re ka re: ‘Kwa legodimong,’ o tla re: ‘Lo ne lo sa mo dumeleleng?’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 Ba buisanya ka ga gone bare, “Fa re re molaetsa wa gagwe o ne o tswa legodimong, hong re tlaa bo re itshwarisa ka gore o tla re botsa gore, ‘Ke eng falo sa dumela?’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi ba gakololana mo go bona, ba re, Etlare ha re re, E coa kua legorimoñ, o tla re, Ana lo lo sa mo rumeleleñ?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Mme ba gakololana ba re: “E tlaa re fa re re: ‘E ne e tswa kwa legodimong,’ ene o tlaa re: ‘Lo ne lo sa mo dumeleleng?’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 20:5
11 Iomraidhean Croise  

Jaanong ba gopotsanya ba re: “O raya ka gore ga re a tsaya dinkgwe.”


Kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kae, a ke kwa legodimong, gongwe mo bathong?” Foo ba akanya ba re: “Fa re ka re: ‘Kwa legodimong,’ o tla re raya a re: ‘Mme ke eng, fa lo ne lo sa mo dumele?’


Kolobetso ya ga Johane a e ne e tswa kwa legodimong gongwe mo bathong?”


Mme fa re ka re: ‘Mo bathong,’ batho botlhe ba tla re kgobotletsa; gonne ba dumetse ruri gore Johane e ne e le moporofeti.”


Yo ke ene ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Monna o e tla morago ga me, yo o mphetang; gonne o ne a le teng, ke ise ke nne teng.’


Ke bonye, ka ba ka supa gore yo ke Morwa Modimo.”


Ba ya kwa go Johane, ba mo raya ba re: “Moruti, yo o neng a na nao kwa moseja ga Joretane, yo ò supileng ka ga gagwe, bona, o a kolobetsa, mme botlhe ba ya go ene.”


Yo o dumelang mo go Morwa o na le bophelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a ka ke a bona bophelo, mme bogale jwa Modimo bo mo okame.”


E rile Johane a wetsa tiro ya gagwe, a re: ‘Se lo nkayang sona ga ke sona. Mme bonang, o e tla morago ga me yo ditlhako tsa dinao tsa gagwe ke sa tshwanelang go di funolola.’


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan