Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 20:16 - Setswana 1970

16 O tla tla, a bolaya balemi bao; mme tshimo ya moweine o tla e neela ba sele.” Ya re ba utlwa, ba re: “A go se nne jalo!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

16 Ke a lo bolelela, o tlaa tla go ba bolaya a bo a hirisetsa ba sele tshimo ya mofine.” Mme bareetsi ba ganela ba re, “Ga ba ke ba dira selo se se ntseng jalo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 O tla tla, mi a senya barihi‐tsimo ba, mi o tla nela tsimo ea movine ba sele. Mi ka ba utlua yalo, ba re, A go si ne yalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 O tlaa tla a senya badiri bao ba tshimo; mme tshimo ya mafine o tlaa e neela ba sele.” Ba re ba utlwa jalo ba re: “A go se nne jalo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 20:16
24 Iomraidhean Croise  

Ya re sebaka sa maungo se atamela, a roma batlhanka ba gagwe kwa baleming gore ba ye go amogela maungo a gagwe.


Ba mo araba ba re: “Ba ba bosula bao o tla ba bolaya setlhogo, mme tshimo ya moweine o tla e neela balemi ba sele, ba ba tla neng ba mo neela maungo ka dinako tsa ona.”


Foo kgosi ya galefa, ya bolotsa mephato ya yona, ya bolaya babolai bao, ya tshuba motse wa bone.


“Jaanong, morena wa tshimo o tla dirang? O tla tla, a bolaya balemi, tshimo ya moweine o tla e neela ba sele.


Fa e le baba bao ba me ba ba ganneng ke ba busa, ba tsiseng kwano, lo ba bolaele fa pele ga me.’ ”


Mme ba mo kgarameletsa kwa ntle ga tshimo ya moweine, ba mmolaya. “Jaanong mong wa tshimo ya moweine o tla ba dirang?


Mme Paulo le Baranaba ba bua ka bopelokgale ba re: “Go ne go tshwanetse gore Lefoko la Modimo le bolelelwe lona pele. Mme e re ka lo le gana, lo ikatlhola gore ga lo a tshwanelwa ke botshelo jo bo sa khutleng, bonang, jaanong re ya kwa baheitaneng.


Jaanong ka re: A ke go re, Modimo o latlhile morafe wa ona? Le go ka! Kana le nna ke Moiseraele wa losika lwa ga Aborahame, wa lotso lwa ga Benyamene.


Jaanong ka re: A ba kgopilwe gore ba tle ba we? Nnyaya! Ka go wa ga bone pholoso e tletse baheitane gore lefufa le tsoge mo Bajuteng.


Jaanong a ke go re, re dirolola molao ka tumelo? Le go ka; tota re tlhomamisa molao.


Le go ka! Mme go tshwanetse ga nna jaana: Modimo o boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe ke moaki, jaaka go kwadilwe ga twe: “Gore o tle o fitlhelwe o siame mo mafokong a gago, o fenye, fa o bewa molato.”


Le go ka! Gonne fa go ka bo go ntse jalo, Modimo o ka atlhola lefatshe jang?


Jaanong re tla reng? A re tla leofa, ka re se fa tlase ga molao, mme re le fa tlase ga bopelotlhomogi? Le go ka!


Le go ka! Rona ba re suleng ntlheng ya boleo, re sa ntse re ka phela jang mo go jona?


Jaanong a ke go re, se se molemo se mphetogetse loso? A go se tualo! Ke boleo jo bo ntsiseditseng loso ka se se molemo gore bo bonale e le boleo tota, gore boleo e nne jo bo bobe bogolo ka taolo.


Jaanong re tla reng? A ke go re, molao ke boleo? Ga go a nna jalo; mme nka bo ke sa itse boleo, fa e ne e se ka molao. Le yona keletso nka bo ke sa e lemoge, fa molao o ka bo o sa re: “O se ka wa eletsa!”


Jaanong re tla reng? A go na le tshiamololo mo Modimong? Le go ka!


A ga lo itse gore mebele ya lona ke ditokololo tsa ga Keresete? A jaanong nka tsaya ditokololo tsa ga Keresete, ka di dira ditokololo tsa seaka? Le go ka!


Mme fa rona ka rosi, ba re batlang go siamisiwa mo go Keresete, re kaiwa ba ba leofang ka go re jalo, a ke go re, Keresete ke moetleetsi wa boleo ne? Le go ka!


A jaanong ke go re, molao o thulana le ditsholofetso tsa Modimo? A go se tualo! Gonne fa go ka bo go neilwe molao o o nonofileng go phedisa, foo ruri tshiamo e ka bo e tswa molaong.


Mme a go nne kgakala le nna go ipoka, fa e se fela ka sefapaano sa Morena wa rona Jesu Keresete, se lefatshe le mpapoletsweng ka sona, le nna ke bapoletswe lefatshe ka sona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan