Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 20:13 - Setswana 1970

13 Foo mong wa tshimo ya moweine a ikakanya a re: ‘Ke tla dirang? Ke tla roma morwaake yo o rategang. E ka re gongwe ba mo tlotla.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 Hong mong wa tshimo a ipotsa a re, ‘Ke tlaa dira eng? Ke tlaa roma morwaake yo ke mo ratang thata. Ammaaruri ene ba tlaa mo tlotla.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi morena oa tsimo ea movine a re, Ki tla rihañ? Ki tla roma moroake, eo ki mo ratañ; etlare khotsa ba moihe ba mona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Morena wa tshimo ya mafine a re: ‘Ke tla dirang? Ke tlaa roma morwaake yo o rategang; e tlaa re kgotsa ene ba mo sisimoge.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 20:13
19 Iomraidhean Croise  

Kana go ka bo go dirilwe eng gape mo tshimong ya moweine ya me se ke sa se dirang mo go yona? Ntlhaang ke ne ke lebeletse gore e tla ungwa maungo a a monate, mme e ungwile masitlha a a botlha fela?


Fa Bajuta ba utlwa ka ga dikotlo tsotlhe tse ke ikaeletseng go ba otla ka tsona, ka gongwe ba tla tlhabologa, ba boa, mongwe le mongwe mo tseleng e e bosula ya gagwe gore ke ba itshwarele molato wa bone le maleo a bone.”


Ka gongwe ba tla ikokobetsa ka mekokotlelo fa pele ga Morena, ba tlhabologa, ba boa, mongwe le mongwe mo tseleng e e bosula ya gagwe; gonne bogale bo bogolo le kgalefo e kgolo tse Morena o bopetseng morafe o ka tsona.”


“Mme wena morwa-motho, ipaakanyetse di-tsa-khudugo, o huduge motshegare ba ntse ba go bona, o tlogele felo ga gago, o ye kwa felong go sele fa pele ga matlho a bone. Ka gongwe ba tla lemoga sengwe. Gonne bone ke losika lwa baitaodi.


“Nka go latlha jang, Eferaime? Nka go tlogela jang, Iseraele? Nka go dira jang jaaka Atema? Nka go senya jang jaaka Seboime? Ke tlhomoga pelo, ke go utlwela botlhoko thata.


“Nka go direlang, Eferaime? Nka go direlang, Juta? ka lorato lwa lona lo tshwana le mouwane wa masa, lo tshwana le monyo o o tlhotlhoregang e sa le phakela.


Ya re a sa ntse a bua, leru le le lesedi la ba ritifalela ka tshoganyetso, le lentswe la tswa mo lerung la re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo itumelelang; mo utlweng!”


Mme lentswe la utlwala, le tswa kwa magodimong le re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo itumelelang.”


a re: “Go ne go le moatlhodi mo motseng mongwe yo o sa boifeng Modimo, le motho a sa re sepe ka ene.


Mme a gana sebaka se seleele; morago ga moo a akanya a re: ‘Le fa ke sa boife Modimo, le motho ke sa re sepe ka ene,


A boa a roma wa boraro; mme le yoo ba mo ntsha dintho, ba mo lelekela kwa ntle.


Mme ya re balemi ba mmona, ba ikakanya ba re: ‘Yo ke ene moja-boswa; tlaang re mmolaeng gore boswa e nne jwa rona.’


Foo lentswe la utlwala, le tswa mo lerung le re: “Yoo ke Morwaake yo ke mo itlhaoletseng; mo utlweng!”


Ke bonye, ka ba ka supa gore yo ke Morwa Modimo.”


Gonne se se reteletseng molao, ka o se na thata ka ntlha ya nama, Modimo o se dirile, wa atlhola boleo mo nameng ka go roma Morwaa-ona mo tshwanong ya nama ya boleo le ka ntlha ya boleo,


Mme ya re sebaka se e leng sona se sena go tla, Modimo wa roma Morwaa-ona, a belegwa ke mosadi, a nna fa tlase ga molao


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan