Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 20:10 - Setswana 1970

10 Ya re ka nako ya teng a roma motlhanka kwa baleming gore ba mo nee mangwe a maungo a tshimo ya moweine. Mme balemi ba mo itaya, ba mmusa a iphotlhere.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

10 Mme e rile fa nako ya thobo e fitlha, a romela mongwe wa batho ba gagwe go ya go phutha seabe sa gagwe sa thobo. Mme balemi ba mo itaya ba mmusetsa morago a iphotlhere fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Mi a roma motlañka go barihimo motleñ oa louñuo, gore ba mo nee louñuo loa tsimo ea movine; mi barihi‐tsimo ba metsa, ba mosa a sina sepe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Ya re ka lobaka lwa loungo, a roma motlhanka kwa badiring ba tshimo, gore ba mo neye ntlhanngwe ya loungo lwa tshimo ya mafine; mme badira tshimo ba mmetsa, ba mo leleka a iphotlere fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 20:10
32 Iomraidhean Croise  

Ke fa Setekia morwa Kenana a atamela a faphola Miga mo lesameng a re: “Mowa wa Morena o ntlogetse jang, wa bua nao?”


Mme Morena o ne a tlhagisa Baiseraele le Bajuta ka baporofeti botlhe le ka baboni botlhe a re: “Boang lo tlogele ditsela tsa lona tse di bosula, lo tshegetse ditaolo tsa me le melao ya me ka fa molaong otlhe o ke o laetseng borraeno o ke o rometseng kwa go lona ka baporofeti, batlhanka ba me.”


Ke fa Hanune a tshwara batlhanka ba ga Dafita, a ba beola bontlhanngwe jwa ditedu, a kgaola bontlhanngwe jwa diaparo tsa bone ka bogare fa lethekeng, a ba a ba naya tsela.


Mme Asa a galefela mmoni, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo; gonne o ne a mo tukela bogale ka ntlha ya moo, a ba a gatelela bangwe ba morafe ke sebaka seo.


“Mme ba go ganetsa, ba go tlogela, ba latlha molao wa gago, ba o hularela, ba bolaya baporofeti ba gago ba ba neng ba ba tlhagisa go ba tlhabololela kwa go wena; ba dira tsa dikgalo tse dikgolo.


Mme o ne o sa ba felele pelo dinyaga di le dintsi, wa nna wa ba tlhagisa ka Mowa wa gago ka baporofeti ba gago, mme ba se ke ba sekega tsebe. Ke ka moo o neng wa ba neela mo diatleng tsa merafe ya mafatshe.


O tshwana le setlhare se se tlhomilweng fa dinokaneng tsa metsi, se se ungwang leungo la sona mo motlheng wa sona, se matlhare a sona a sa swabeng, mme tsotlhe tse o di dirang o di swetsa ka lesego.


“Bana ba lona ke ba iteetse lefelafela. Ga ba a amogela kgalemelo. Tšhaka ya lona e nyeleditse baporofeti ba lona jaaka tau e e gagolang.


Foo Phašure a itaya moporofeti Jeremia, a mo kudupanya ka go mo golegela mo dikoteng tse di mo kgorong e e godimo ya Benyamene e e gaufi le Ntlo ya Morena.


Kana ke lo rometse baporofeti, batlhanka ba me botlhe, ka tlhoafalo, ka lo raya ka re: A ko lo boe, mongwe le mongwe mo tseleng e e bosula ya gagwe, lo siamise ditiro tsa lona! Se lateleng medimo e sele go e direla! Foo lo tla nna mo nageng e ke e lo fileng le borraeno. Mme ga lo a ka lwa sekega ditsebe le e seng go nkutlwa.


Ga ba a ka ba akanya mo pelong ba re: ‘A re boifeng Morena, Modimo wa rona, yo o nesang pula, pula ya sephai le pula ya tlhakola-modula, mo sebakeng sa yona; yo o re bolokelang dibeke tse di tlhomameng tsa thobo!’


“Jerusalema, Jerusalema! Wena yo o bolayang baporofeti, o kgobotletsa ba ba romilweng go wena! Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago, jaaka koko e tle e phuthe dikokwana tsa yona fa tlase ga diphuka; mme lo ganne!


A boa a roma motlhanka yo mongwe; mme le ene ba mo itaya, ba mo dira mo go tlhabisang ditlhong, ba mmusa a iphotlhere.


Jaanong a simolola go bolelela batho setshwantsho se a re: “Motho mongwe o ne a lema tshimo ya moweine, a e neela balemi, a ba a eta sebaka se seleele.


Ga se lona lo intlhaoletseng, ke nna ke itlhaoletseng lona, ke bile ke lo beile gore lo ye lo ungwe leungo, mme leungo la lona le nnele ruri, gore se lo ka se kopang Rara mo leineng la me, a se lo nee, le fa e ka nna eng.


Bakaulengwe ba me, le lona lo bolailwe jalo ntlheng ya molao ka mmele wa ga Keresete gore lo nne ba yo mongwe, e bong ba yo o tsositsweng mo baswing, gore re ungwele Modimo;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan