Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:9 - Setswana 1970

9 Mme moengele wa Morena a ema fa go bone, le kgalalelo ya Morena ya bonega dintlheng tsotlhe tsa bone; mme ba boifa ka poifo e kgolo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Ka tshoganetso moengele a iponatsa mo go bone mme lefatshe la phatsima ka ntlha ya kgalalelo ya Morena, mme ba tshoga thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi, bonañ, moengele oa Morena a ema ha go bona, mi khalalelo ea Morena ea phatsima mo ntleñ cotle tsa bona, mi ba boiha ka poiho e kholu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Mme moengele wa Morena a ema fa go bone, le kgalalelo ya Morena ya phatsima ntlheng tsotlhe tsa bone; mme ba boifa ka poifo e kgolo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:9
27 Iomraidhean Croise  

mo baperesiti ba bileng ba palelwa ke go ema le go dira tsa tirelo-Modimo ka ntlha ya leru; gonne kgalalelo ya Morena e ne e tletse mo Ntlong ya Morena.


Ya re Arone a bua jalo le morafe otlhe wa Baiseraele, bone ba leba kwa sekakeng, ba bona kgalalelo ya Morena e bonala mo lerung.


Kamoso lo tla tsoga lo bona kgalalelo ya Morena. Gonne o utlwile dingongorego tsa lona tsa go mo ngongoregela. Kana rona re eng, fa lo ngongoregela rona?”


Ee, le tla thunya, le duduetsa. Le gona le tla ipela, le duduetsa. Le filwe kgalalelo ya Lebanone le bontle jwa Karemele le jwa Sarone. Bone bale ba tla bona kgalalelo ya Morena le bontle jwa Modimo wa rona.


Foo kgalalelo ya Morena e tla bonala, e bonwa ke batho botlhe mmogo. Gonne molomo wa Morena o buile jalo.”


Tsoga, o sedimogelwe! Gonne lesedi la gago le tsile, mme kgalalelo ya Morena e go tlhabetse.


Ka nanoga, ka tswela kwa lobaleng, ka fitlhela kgalalelo ya Morena e eme gona e e tshwanang le kgalalelo e ke e bonyeng fa nokeng ya Kebare, ka ba ka wela fa fatshe ka sefatlhego.


Ya re a ntse a akanya jalo, moengele wa Morena a bonala fa go ene ka toro a re: “Josefa, morwa Dafita, se boife go tsaya Maria go nna mosadi wa gago; gonne boimana jwa gagwe bo tswa mo Moweng o o Boitshepo.


Ya re moengele a tsena kwa go ene, a mo raya a re: “Dumela, yo o tlhogonolofaditsweng, Morena o na nao; o tshegofaditswe mo basading.”


Go ne go le badisa mo lefatsheng leo, ba le kwa nageng, ba tlhokometse letsomane la bone bosigo.


Ya re ba sa ntse ba akabetse ka ntlha ya moo, ba bona banna ba le babedi ba eme fa go bone, ba apere diaparo tse di phatsimang.


Dilo tse Jesaya o ne a di bua, ka a bona kgalalelo ya gagwe, mme a bua ka ga gagwe.


Mme moengele wa Morena a ema fa go ene ka tshoganyetso, le lesedi la phatsima mo ntlong; mme a batola Petoro fa letlhakoreng, a mo tsosa a re: “Tsoga ka bonako!” Mme dikeetane tsa wa mo mabogong a gagwe.


Gonne moengele wa Modimo o ke leng wa ona, o ke bileng ke o direla, o letse a eme fa go nna,


Mme moengele wa Morena a bula mejako ya ntlo ya kgolegelo bosigo, a ba ntshetsa kwa ntle a re:


Mme rona rotlhe, e re ka re bonatsa kgalalelo ya Morena jaaka seiponi ka difatlhego tse di sirolotsweng, re fetolelwa tshwanong eo go tswa kgalalelong nngwe go ya kgalalelong e nngwe, jaaka go dirwa ke Morena yo e leng Mowa.


gonne Modimo o o rileng: “A lesedi le phatsime mo lefifing!” ke ona o o sedifaditseng dipelo tsa rona, e le go bonesiwa go ka lemoga kgalalelo ya Modimo mo sefatlhegong sa ga Jesu Keresete.


Mme ga go na pelaelo, bosaitsiweng jwa poifo-Modimo bo bogolo jwa go re: Jesu o bonaditswe mo nameng, a supelwa tshiamo ke Mowa, a bonwa ke baengele, a rerwa mo baheitaneng, a dumelwa mo lefatsheng, a tsholediwa ka kgalalelo.


Mme ponalo e ne e boitshega mo go kalo, fa Moše a bileng a re: “Ke tshogile, ke a roroma.”


Morago ga dilo tseo ka bona moengele yo mongwe a fologa kwa legodimong, a na le thata e kgolo, lefatshe la bonesega ka kgalalelo ya gagwe.


Jaanong ka bona sedulo sa bogosi se segolo se sesweu le yo o ntseng mo go sona, yo legodimo le lefatshe di tshabileng sefatlhego sa gagwe, mme tsa se ka tsa bonelwa bonno.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan