Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:49 - Setswana 1970

49 A ba raya a re: “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse go nna mo go tse e leng tsa ga Rre?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

49 Mme a ba raya a re, “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa lemoge gore ke tlaa bo ke le fano mo Tempeleng, mo tlung ya ga Rre?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

49 Mi a ba raea Lo lo ’mpatlelañ? A ga loa ka loa itse ha ki cuanetse go na mo go tsa ga Rre?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

49 Ene a ba raya a re: “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa itse fa ke tshwanetse go nna mo go tse e leng tsa ga Rre?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:49
11 Iomraidhean Croise  

Foo ke ne ka re: “Bona, ke e tla, go kwadilwe ka ga me mo lokwalong.


“Bonang, ke tla roma morongwi wa me gore a baakanye tsela fa pele ga me. Mme Morena yo lo mmatlang o tla tla kwa Tempeleng ya gagwe ka tshoganyetso, e bong moengele wa kgolagano yo o lo kgatlhang. Bonang, o e tla,” go bua Morena wa masomosomo.


Jaanong Jesu a tsena mo Tempeleng, a feta a leleka botlhe ba ba rekisang le ba ba rekang mo Tempeleng, a menola ditafole tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi,


Ya re ba mmona, ba gamarega. Mme mmaagwe a mo raya a re: “Ngwanaka, o ne o re direlelang jalo? Bona, rraago le nna re go batlile ka bohutsana.”


Jesu a ba raya a re: “Sejo sa me ke go dira thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.


Jesu a ba fetola a re: “Rre o sa dira le ka nako eno, le nna ke a dira.”


“Nna ke na le tshupo e e fetang ya ga Johane; gonne ditiro tse Rara o di nneetseng go di wetsa, e bong tsona ditiro tse ke di dirang, di supa ka ga me gore Rara o nthomile.


Gonne ke fologile kwa legodimong, e seng go dira thato ya me, fa e se go dira thato ya yo o nthomileng.


Yo o nthomileng o na le nna, ga a a ntlogela ke le nosi; gonne ke dira ka gale tse di mo kgatlhang.”


Re tshwanetse go dira ditiro tsa yo o nthomileng, go sa le motshegare. Bosigo bo e tla jo go seng ope yo o ka kgonang go dira ka jona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan