Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:46 - Setswana 1970

46 Ya re malatsi a le mararo a sena go feta, ba mo fitlhela mo Tempeleng, a ntse mo gare ga baruti, a ba reeditse, a bile a ba botsolotsa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

46-47 Morago ga malatsi a mararo ba mmona. O ne a le mo Tempeleng, a ntse fa gare ga baruti ba molao, a ganetsanya le bone ka dipotso tse di thata mme a gakgamatsa mongwe le mongwe ka kitso ya gagwe le dikarabo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

46 Mi ga rihala malatsi a teri a sina heta, ba mona mo tempeleñ, a rutse ha gare ga baruti, a ba utlua, a ba botsa lipoco.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

46 Ga dirala ya re malatsi a le mararo a sena go feta, ba mo fitlhela mo tempeleng, a dutse fa gare ga baruti, a ba utlwa, a ba a ba botsa dipotso.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:46
13 Iomraidhean Croise  

Ka letsatsi la boraro ga tla Jerobeame le morafe otlhe jaaka kgosi e laetse ya re: “Boelang kwano go nna ka letsatsi la boraro.”


Mme ene a ba raya a re: “Tsamayang lo iketle malatsi a le mararo, morago lo boele go nna.” Batho ba tsamaya.


Morena Modimo o mphile loleme lwa yo o rutegileng gore ke itse go lapolosa yo o lapileng ka mafoko; o ntsosa mo mosong mongwe le mongwe, o nthibolola tsebe gore ke utlwe jaaka barutwa.


gonne Morwa-Motho o tla nna mo teng ga lefatshe malatsi a mararo le masigo a mararo jaaka Jona a kile a nna mo mpeng ya leruarua malatsi a mararo le masigo a mararo.


Go tloga foo Jesu Keresete a simolola go sedimosetsa barutwa ba gagwe gore o tshwanetse go ya kwa Jerusalema, le go bogisiwa ka tse dintsi ke bagolo ba morafe le baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo, le go bolawa, le go tsosiwa ka letsatsi la boraro.


Botlhe ba ba mo utlwang ba gakgamalela tlhaloganyo le dikarabo tsa gagwe.


Ka lengwe la malatsi ao a bo a ruta. Bafarisai le Baruta-molao ba bo ba ntse fa fatshe, e le ba ba tswang mo motseng mongwe le mongwe wa Galelea le Jutea le kwa Jerusalema; thata ya Morena ya go fodisa e ne e na nae.


Jesu a mo araba a re: “O moruti wa Iseraele, mme dilo tse ke eng, fa o sa di tlhaloganye?


Jaanong ga ema mongwe mo lekgotleng le legolo, e le Mofarisai yo leina la gagwe e leng Gamaliele, moruta-molao yo o tlotliwang ke batho botlhe, a laela gore baapostolo ba name ba sa ntshediwe kwa ntle.


Ba rata go nna baruta-molao, etswe ba sa tlhaloganye tse ba di buang, le fa e le tse ba reng ke tsa nnete tota.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan