Luke 2:41 - Setswana 197041 Jaanong bagolo ba gagwe ba ne ba tle ba ye kwa Jerusalema ka dinyaga tsotlhe kwa moletlong wa Tlolaganyo. Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha41-42 Erile Jesu a le dingwaga di le lesome le bobedi a tsamaya le batsadi ba gagwe go ya kwa moletlong wa Tlolaganyo o ba neng ba o tsena ngwaga le ngwaga. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)41 Mi bagolu ba gague ba ea Yerusalema go morihoñ oa Tlolaganyo ka ñuaga ñuaga. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo41 Jaana, batsadi ba gagwe ba ne ba tle ba ya Jerusalema ka dinyaga tsotlhe, ba ya modirong wa Tlolaganyo. Faic an caibideil |
Foo a felo fa Morena, Modimo wa lona, o tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng, e nne gona kwa lo tla isang tsotlhe teng tse ke di lo laelang, e bong ditlhabelo tsa phiso tsa lona le ditlhabelo tse di jewang tsa lona le dikarolo tsa some tsa lona le seabe sa diatla tsa lona le tsotlhe tse di tlhaotsweng tsa maikano a lona, tse lo tla di ikanelang Morena.
mme tseo o di jele fa pele ga Morena, Modimo wa gago, kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le Molefi yo o mo metseng ya gago, o itumelele tsotlhe tse diatla tsa gago di di amogetseng fa pele ga Morena, Modimo wa gago.