Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:40 - Setswana 1970

40 Ngwana ene a gola, a tia, a tlala botlhale, mme tshegofatso ya Modimo e ne e le mo go ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

40 Koo ngwana a feta a nna mosimane yo o thata yo o nonofileng, a ba a itsiwe ka botlhale jo bo fetileng dingwaga tsa gagwe; mme Modimo wa gorometsa matlhogonolo a one mo go ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

40 Mi ñuana a gola, a thatahala mo moeeñ, a tlarioa ka botlale; mi tsegohaco ea Morimo e le le go ena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

40 Ngwana a gola, a nonofa a tlala botlhale; le tshegofatso ya Modimo ya nna mo go ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:40
17 Iomraidhean Croise  

“O pitiketse matshwenyego kwa Moreneng! A ene a mo golole, a mo pholose, fa a kgatlhwa ke ene.”


Pelo ya me e fofoma ka polelo e e monate. Ke tlhabela kgosi loboko lwa me; loleme lwa me ke sekwadi sa mokwadi yo o bobebe.


Mme ngwana a gola, a tia mo moweng; a ba a nna mo dikakeng go fitlha mo letsatsing la go ipontsha mo go Iseraele.


Botlhe ba ba mo utlwang ba gakgamalela tlhaloganyo le dikarabo tsa gagwe.


Jesu a tota mo go tlhalefeng le mo bogolong le mo go ratweng ke Modimo le batho.


Lefoko leo la nna nama, la aga mo go rona, ra ba ra bona kgalalelo ya lone, e le kgalalelo e e lebanyeng yo o tsetsweng a le esi, e tswa mo go Rara, a tletse bopelotlhomogi le boammaaruri.


Baapostolo ba supa ka ga tsogo ya Morena Jesu ka bonatla jo bogolo; bopelotlhomogi jo bogolo jwa Morena bo ne bo na le bone botlhe.


Bakaulengwe ba me, ke fetsa ka go re: Thatafalang mo Moreneng le mo thateng ya bonatla jwa gagwe.


Mme wena, ngwanaka, tia jaanong ka bopelotlhomogi jo bo mo go Keresete Jesu.


Mosadi a ba a belega ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Simesone. Mosimane a gola, mme Morena a mo tshegofatsa.


Mme Samuele o ne a ntse a direla fa pele ga Morena, e le mosimane yo o apereng khiba ya letseta.


Mme Morena a direla Hana molemo; a ithwala, a tshola gape bana ba basimane ba le bararo le ba basetsana ba le babedi. Mosimane Samuele ene a golela kwa Moreneng.


Mme mosimane Samuele a nna a gola, a ratwa ke Morena le batho.


Samuele a gola, mme Morena a na nae, a se ka a leseletsa lefoko lepe la mafoko a gagwe go wela fa fatshe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan