Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:34 - Setswana 1970

34 Jaanong Simeone a ba tshegofatsa, a raya Maria mmaagwe a re: “Bona, ngwana yo o beetswe go wa le go tsoga ga ba bantsi mo go Iseraele, le go nna sesupo se se ganediwang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

34-35 Simione a ba segofatsa mme a raya Marea a re, “Chaka e tlaa tlhaba mowa wa gago, gonne ngwana yo o tlaa ganwa ke batho ba le bantsi mo Iseraele ka ntlha ya tshenyego ya bone. Mme o tlaa nna boipelo jo bogolo jwa ba bangwe ba le bantsi. Le dikakanyo tse di kwa teng tsa dipelo tse di ntsi di tlaa senolwa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

34 Mi Simeone a ba tsegohatsa, mi a bua le Marie mague, Bona, ñuana eo, o beecoe koo le cogo ea bontsi mo Yesereleñ; sebeo se se tla ganerioañ;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

34 mme Simeone a ba segofatsa, a raya Maria mmaagwe a re: “Bona, ngwana yo o beetswe go wa le go tsoga gape ga batho ba le bantsi mo go Iseraele; le gore a nne sesupo se se tlaa ganediwang;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:34
38 Iomraidhean Croise  

A mo tshegofatsa a re: “A Aborame a tshegofadiwe ke Modimo o o godimodimo, Motlhodi wa legodimo le lefatshe!


Jaanong Josefa a tsaya rraagwe, a ya go mo supa fa pele ga Farao. Ke fa Jakobe a tshegofatsa Farao.


Jaanong Moše a leba tiro yotlhe, a fitlhela ba e dirile ka fa Morena a laetseng ka teng; ba e dirile fela jalo. Ke fa Moše a ba tshegofatsa.


Bonang nna le bana ba Morena o ba mphileng, Morena wa masomosomo yo o agileng mo thabeng ya Sione; o re dirile go nna ditshupo le dikgakgamatso mo Iseraeleng.


Yo o botlhale a a tlhaloganye dilo tse! Yo o tlhalefileng a a di itse. Gonne ditsela tsa Morena di tlhamaletse. Basiami ba tla tsamaya mo go tsona, mme baikepi ba kgotšwa mo go tsona.


Go tsile Morwa-Motho, a ja, a nwa; mme ba re: ‘Bonang motho yo e leng sejabele le monwi wa weine, tsala ya bakgethisi le baleofi!’ Mme botlhale bo atlholetswe ke bana ba jona.”


Ya re a sa ntse a bua le batho, mmaagwe le bomonnawe ba bo ba eme kwa ntle, ba batla go bua nae.


Yo o welang mo lentsweng leo o tla thubagana; mme yo lone le mo welang le tla mo papetla.”


ba re: “Morena, re gakologelwa gore e rile motsietsi yoo a sa ntse a phela, a re: ‘Morago ga malatsi a le mararo ke tla tsoga.’


Le wena ka wesi lerumo le tla phunyeletsa mowa wa gago, gore megopolo ya dipelo tse dintsi e senolwe.”


Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, le gona ga a tle mo leseding, gore ditiro tsa gagwe di se ka tsa kgalemelwa.


Ke ka ntlha ya moo Bajuta ba ne ba batla bogolo go mmolaya, e seng fela ka a sentse Sabata, mme le gona e le ka a rile, Modimo ke rraagwe, a itekanya le Modimo.


Ya re Bajuta ba bona bontsintsi, ba tlala lefufa, ba ganetsa tse di builweng ke Paulo, ba kgala.


Ya re ba sa ba fitlhele, ba gogela Jasone le bakaulengwe bangwe fa pele ga balaodi ba motse, ba kua ba re: “Batho ba, ba ba feretlhang lefatshe, le mono ba tsile.


Re fitlhetse monna yo a le botlhole, a feretlha mo Bajuteng botlhe mo lefatsheng lotlhe; e bile ke moeteledi pele wa setlhopha sa maitirelo sa Banasaretha.


Le gale re fitlhela e le tshwanelo gore re utlwe mo go wena se o se gopolang; gonne fa e le thuto eo, re itse gore e ganediwa ntlheng tsotlhe.”


Dikgosi tsa lefatshe di ikemisitse, balaodi ba phuthegetse go lwantsha Morena le Motlodiwa wa gagwe.’


Lefoko la Modimo la tota, palo ya barutwa ya ntsifala thata mo Jerusalema, lesomo le legolo la baperesiti la ineela mo tumelong.


E le ka ntlha ya eng? E le ka go sa o batle ka tumelo, mme e le ka ditiro; jaanong ba kgopilwe ke lentswe le le kgopang;


mme rona re rera Keresete yo o bapotsweng, yo e leng sekgopi mo Bajuteng le bosilo mo Bagerikeng;


Gonne Melegi-Seteke yoo e ne e le kgosi ya Salema le moperesiti wa Modimo o o godimodimo; o kile a kgatlhantsha Aborahame, jale fa a boa a tswa go fenya dikgosi, a mo tshegofatsa.


Kana yo mmotlana o tshegofadiwa ke yo mogolo; moo ga go na kganetso epe.


Lo sego, fa lo kgojwa ka ntlha ya leina la ga Keresete, ka Mowa wa kgalalelo wa Modimo o ntse mo go lona. Mo go bone le a kgalwa, mme mo go lona le a galalediwa.


Foo Eli a tshegofatse Elekana le mosadi wa gagwe a re: “A Morena a go nee bana ka mosadi yo boemong jwa ngwana yo a mo kopileng, a mo tsalela Morena.” Jaanong ba ye kwa gae.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan