Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:32 - Setswana 1970

32 e bong lesedi le le tla senogelang baheitane le go galaletsa morafe wa gago wa Iseraele.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

32 Ke lesedi le le tlaa phatshimelang dichaba, e bile o tlaa nna kgalalelo mo bathong ba gago ba Iseraele!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

32 Leseri go bonesa bahaitene, le khalalelo ea Yeserela, bathu ba gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

32 lesedi le le bonesang Baditšhaba, le kgalalelo ya Iseraele batho ba gago.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:32
22 Iomraidhean Croise  

Ke rata go utlwa se Morena, Modimo, o tla se buang; gonne batho ba ona, e bong baratiwa ba ona, ruri, o tla bua nabo tsa kagiso. Fela a ba se boele gape kwa bosilong.


Mo metlheng eo baheitane ba tla batla letlhogela la modi wa ga Isai le e leng sefoka sa merafe. Boago jwa gagwe bo tla galalela.


Ka sebaka seo letlhogela la Morena e tla nna mokgabo le kgalalelo; leungo la lefatshe e tla nna bogolo le bontle jwa Baiseraele ba ba falotseng.


Losika lotlhe lwa Iseraele lo tla siamisiwa mo Moreneng, lo ipoka ka ene.


a re: “Ga go lekane, fa o le motlhanka wa me go tsosa ditso tsa ga Jakobe le go busa ba ba bolokilweng ba Iseraele; le gona ke go dirile lesedi la baheitane gore o nne pholoso ya me go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe.”


le go raya bagolegwi: ‘Tswayang!’ le go raya ba ba mo lefifing: ‘Tswelang mo leseding!’ Ba tla fudisa fa thoko ga ditsela tsotlhe. Mafulo a bone a mo mebotong yotlhe e e iphotlhereng.


“Ntheetseng, morafe wa me, ntshekegeleng ditsebe, batho ba me! Gonne thuto e tla tswa mo go nna; boammaaruri jwa me ke tla bo tlhoma go nna lesedi la merafe.


“Letsatsi ga e nke e tlhola e nna lesedi la gago motshegare; phatsimo ya ngwedi ga e tlhole e go bonegela bosigo, mme Morena o tla nna lesedi le le sa khutleng la gago; Modimo wa gago o tla nna kgalalelo ya gago.


Batho ba ba sepelang mo fifing ba bonye lesedi le legolo; ba ba agileng mo lefatsheng la moriti wa loso, lesedi le ba phatsimetse.


A setšhaba se kile sa ananya medimo ya sona, le fa yona e se medimo? Mme morafe wa me o anantse kgalalelo ya ona ka ntlha ya dilo tse di sa thuseng sepe.


Mme nna ke tla nna lobota lwa molelo mo tikologong ya ona,’ go bua Morena; ‘ke tla nna kgalalelo ya ona.’


morafe o o ntseng mo lefifing o bonye lesedi le legolo; ba ba dutseng mo lefatsheng la loso le mo moriting wa loso, lesedi le ba tlhabetse.”


Moengele a ba raya a re: “Se boifeng; gonne bonang, ke lo tsiseditse mafoko a a molemo a boitumelo jo bogolo jo e tla nnang jwa batho botlhe;


e o e etleeditseng mo matlhong a merafe yotlhe,


ba re, Keresete o tshwanetse go boga le go nna wa ntlha mo tsogong ya baswi gore a tle a rerele Baiseraele le Baditšhaba lesedi.”


“Ka moo he, itseng gore pholoso e ya Modimo e rometswe kwa baheitaneng; e bile bona ba tla utlwa.”


gore go nne jaaka go kwadilwe ga twe: “Yo o ipokang a a ipoke ka Morena!”


Ga go batlege gore letsatsi le ngwedi di phatsimele motse; ka gonne o bonesiwa ke kgalalelo ya Modimo; Kwana ke lobone lwa ona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan