Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:26 - Setswana 1970

26 O kile a senolelwa ke Mowa o o Boitshepo gore ga a nke a bona loso, a ise a bone Motlodiwa wa Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

26 Gonne Mowa o o Boitshepo o ne o iponaditse mo go ene gore ga a na go swa go fitlhelela a bona kgosi e e tloditsweng ya Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

26 Mi a bulelecoe ki Moea oa Boitsepho, ha a si kitla a shua, a e si a bone Keresete oa Morena pele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

26 O ne a senoletswe ke Mowa o o Boitshepo fa a se ketla a swa a ise a bone Keresete wa Morena pele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:26
20 Iomraidhean Croise  

Dikgosi tsa lefatshe di a ikemisa le babusi ba nnela go logisanya maano a go lwa le Morena le Motlodiwa wa gagwe ba re:


“Mme nna, kana ke tlhomile kgosi ya me mo Sione, mo thabeng ya me e e boitshepo!”


Morena o kopana le ba ba mmoifang, o ba itsise kgolagano ya gagwe.


Mowa wa Morena Modimo o mo go nna, ka gonne Morena o ntloditse, a nthoma go rerela babogisegi mafoko a boitumelo le go alafa ba ba pelo-di-phatlogileng le go itsise batshwarwi kgololo le ba ba golegilweng go bulwa ga kgolegelo,


Gonne Morena Modimo ga a ke a dira sepe a ise a senolele baporofeti, batlhanka ba gagwe, sephiri sa gagwe.


Mme ya re ka ba laetswe ke Modimo ka toro gore ba se ka ba boela kwa go Herote, ba boela kwa lefatsheng la ga bone ka tsela e sele.


“Morena, jaanong o naya motlhanka wa gago tsela, ka fa lefokong la gago, go ya ka kagiso;


Ke lo bolelela boammaaruri ka re: Go na le bangwe ba bone ba ba emeng fa, ba ba se kitlang ba utlwa loso ka gope, ba ise ba bone puso ya Modimo.”


Yo a bona Simone morwa-rraagwe pele, a mo raya a re: “Re bonye Mesia,” mo phetolelong ke go re: Motlodiwa (Keresete).


Mme tse, di kwadilwe gore lo dumele, fa Jesu e le Keresete, Morwa Modimo, mme ka go dumela lo bone bophelo ka leina la gagwe.


“Tlaang lo bone motho yo o mpoleletseng tsotlhe tse ke di dirileng; a jaana ga se ene Keresete?”


Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa mongwe a ka dirisa lefoko la me, ga a ka ke a bona loso ka bosakhutleng.”


e bong sa ga Jesu wa Nasaretha, jaaka Modimo o mo tloditse ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo; yo o ne a dikologa a dira molemo, a fodisa botlhe ba ba gatelelwang ke Diabolo; gonne Modimo o ne o na nae.


A phutholola, a ranola gore Keresete o ne a tshwanetse go boga le go tsoga mo baswing; le gona a re: “Jesu yo ke mo lo rerelang ke ene Keresete.”


“Jaanong a lelapa lengwe le lengwe la Iseraele le itse ruri gore ene Jesu yo lo mmapotseng, Modimo o mo dirile Morena le Keresete.”


A akofa a simolola go rera mo disenagogeng gore Jesu ke ene Morwa Modimo.


Ke ka tumelo Henoge a tlositsweng gore a se bone loso; mme a se ke a bonwa, ka Modimo o ne o mo tlositse; mme e rile pele a ise a tlosiwe, a newa tshupo ya gore o kgatlhile Modimo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan