Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:20 - Setswana 1970

20 Jaanong badisa ba boa, ba galaletsa Modimo, ba o boka ka ntlha ya tsotlhe tse ba di utlwileng le tse ba di bonyeng, fela jaaka ba ne ba boleletswe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

20 Hong badisa ba boela gape kwa nageng kwa letsomaneng la bone, ba galaletsa Modimo kaga go etelwa ke moengele le gore ba bone ngwana, fela jaaka baengele ba ba boleletse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

20 Mi barisa ba rulara, ba galaletsa Morimo, ba o baka ka ntla ea cona cotle tse ba li utluileñ, le tse ba li bonyeñ, yaka ba bulelecoe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

20 Badisa ba boa ba galaletsa Modimo, ba o baka ka ntlha ya dilo tsotlhe tse ba di utlwileng le tse ba di bonyeng, fela jaaka ba boleletswe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:20
13 Iomraidhean Croise  

A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng. A morafe otlhe o re: “Amen!” Haleluya!


A bao ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho,


A bao ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho;


Bona bao a ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho,


Babogisegi ba tla itumela gape mo Moreneng; batho ba ba humanegileng ba tla dudueletsa Moitshepi wa Iseraele.


Ya re batho ba bona, ba boifa, ba be ba galaletsa Modimo o o neileng batho thata e e ntseng jalo.


A rera a re: “Morago ga me go tla yo o nang le thata bogolo go nna, yo ke sa tshwanelang go inama, ka funolola kgole ya ditlhako tsa gagwe.


A boa a bona ka bonako, a ba a mo sala morago, a galaletsa Modimo. Batho botlhe, ya re ba bona, ba naya Modimo pako.


Ya re ba utlwa jalo, ba didimala, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Jaanong ke go re: Baditšhaba le bone Modimo o ba neile tlhabologo e e isang bophelong.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan