Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:15 - Setswana 1970

15 Ya re baengele ba sena go ba tlogela ba ya legodimong, badisa ba raana ba re: “A re yeng tlhe kwa Betleheme, re bone selo se, se se dirafetseng, se Morena o se re itsisitseng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 Erile mophato o mogolo wa baengele o sena go boela gape kwa legodimong, badisa ba raana ba re, “A re yeng! A re yeng kwa Bethelehema! A re yeng go bona kgakgamatso e e diragetseng, e Morena o re boleletseng kaga yone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Mi ga rihala, ka baengele ba ba tlogela, ba ea kua legorimoñ, barisa ba rana, A re eeñ yana kua Beteleheme, mi re bone seo se, se se rihahetseñ, se Morena o se re itsisitseñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 Ga dirala e rile baengele ba sena go ba tlogela ba ya legodimong, badisa ba raana ba re: “A re yeng fela jaana kwa Bethelehema, re bone selo se, se se dirafetseng se Morena o se re itsisitseng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:15
12 Iomraidhean Croise  

E rile Morena a rata go tlhatlosetsa Elia kwa legodimong ka ledimo Elia a tsamaya le Elisa, ba tswa kwa Gilegala.


Mme ya re ba ntse ba tsamaya, ba bua mmogo, ga tlhaga koloi ya molelo le dipitse tsa molelo ka tshoganyetso, tsa ba kgaoganya. Mme Elia a tlhatlosediwa kwa legodimong ka ledimo,


Ditiro tsa Morena ke tse dikgolo, di tlhotlhomisiwa ke botlhe ba ba kgatlhwang ke tsona.


Ke fa Moše a re: “A nke ke atamele, ke bone kgakgamatso e kgolo e gore ke ka ntlha ya eng, fa setlhare seo se sa šwe.”


Kgosi ya sesadi ya kwa borwa e tla nanoga ka letsatsi la katlholo, e na le batho ba kajeno, e ba bona molato; gonne yona e ne ya tswa kwa bokhutlong jwa lefatshe, ya tla go utlwa botlhale jwa ga Salomo; mme itseng gore yo o fetang Salomo o fano.


“Tlotlo a e nne ya Modimo kwa magodimong le kagiso mo lefatsheng mo bathong ba o ba itumelelang.”


Ba ya ka bonako, ba fitlhela Maria le Josefa le lesea le letse mo segopong sa dipitse.


Ya re a ntse a ba tshegofatsa, a kgaogana nabo, a tlhatlosediwa kwa legodimong.


yo o tsenyeng mo legodimong, a nna fa letsogong le le jang la Modimo, baengele le mebuso le ba ba thata ba sena go bewa mo taolong ya gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan