Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:14 - Setswana 1970

14 “Tlotlo a e nne ya Modimo kwa magodimong le kagiso mo lefatsheng mo bathong ba o ba itumelelang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

14 “Kgalalelo e nne go Modimo kwa magodimong, le kagiso mo lefatsheng mo go botlhe ba ba mo itumedisang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Khalalelo a e ne Morimoñ mo magorimoñ a bogorimo bogolu, le kagisho e ne mo hatsiñ, le nateho e ne mo bathuñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 “Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimodimong, le kagiso e nne mo lefatsheng, mo batho ba o kgatlhegang thata mo go bone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:14
36 Iomraidhean Croise  

Duduetsang, lona magodimo, gonne Morena o dirile jalo; tlhabang mokgosi, lona madiba a lefatshe! A go ipele dithaba le sekgwa le ditlhare tsotlhe tse di mo go sona! Gonne Morena o rekolotse Jakobe; o tla ikgalaletsa mo go Iseraele.


Ipeleng, lona magodimo! Itumele, wena lefatshe! Tlhabang mokgosi wa tuduetso, lona dithaba, gonne Morena o gomoditse morafe wa gagwe, a tlhomogela babogisegi ba gagwe pelo.


Morena o bua a re: “Ke rata go ungwisa maungo a melomo, e leng kagiso, kagiso mo go ba ba kgakala le mo go ba ba gaufi, mme ke tla ba fodisa.


Bone ba tla senya lefatshe la Asiria ka tšhaka le lefatshe la ga Nimerote mo dikgorong tsa lone. O tla re golola mo go Baasiria, fa ba tla mo lefatsheng la rona; fa ba tsena mo teng ga molelwane wa rona.


Mme batho ba ba mo eteletseng pele le ba ba mo setseng morago ba tlhaba mokgosi ba re: “Hosana go Morwa Dafita! Go bakwe yo o tlang ka leina la Morena; Hosana mo magodimodimong!”


go sedimosetsa ba ba ntseng mo lefifing le mo moriting wa loso, go siamisetsa dinao tsa rona mo tseleng ya kagiso.”


ba re: “A go bakwe Kgosi e e tlang mo leineng la Morena! Kagiso e nne kwa legodimong le kgalalelo kwa magodimodimong!”


Ka tshoganyetso bontsi jwa masomo a legodimo jwa nna le moengele, jwa baka Modimo jwa re:


Ya re baengele ba sena go ba tlogela ba ya legodimong, badisa ba raana ba re: “A re yeng tlhe kwa Betleheme, re bone selo se, se se dirafetseng, se Morena o se re itsisitseng.”


mme Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go ene ka popego ya lephoi, mme ga utlwala lentswe le le tswang kwa legodimong le re: “O Morwaake yo o rategang, yo ke go itumelelang.”


“Ke lo tlogelela kagiso, ke lo naya kagiso ya me. Ga ke lo nee jaaka lefatshe le naya. A dipelo tsa lona di se huduege, le gona di se boife.


Ke go galaleditse mo lefatsheng ka go fetsa tiro e o e nneetseng go e dira.


Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo, mo o bileng wa le neela Morwaa-ona yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a latlhega, mme a nne le bophelo jo bo sa khutleng.


O rometse Baiseraele Lefoko la ona, wa bega kagiso ka Jesu Keresete Efangeleng; ke ene Morena wa botlhe.


Jaanong ka re siamisitswe ka tumelo, re na le kagiso le Modimo ka Morena wa rona Jesu Keresete;


gore go bokwe kgalalelo ya bopelotlhomogi jwa ona jo o re tlhomogetseng pelo ka jona ka Morwaa-ona yo o ratwang.


ka go re itsise bosaitsiweng jwa thato ya ona e o neng o e ikaeletse mo go ene,


Mme Modimo o o humileng boutlwelo-botlhoko ka ntlha ya lorato lo logolo lwa ona lo o re ratileng ka lone,


gore mo metlheng e e tlang o tle o bonatse khumo e kgolo mo go fetisang ya boitshwarelo jwa ona mo go rona ka bopelontle jo bo mo go Keresete Jesu;


le loleme longwe le longwe lo ipolele gore Morena ke Jesu Keresete, e le go galaletsa Modimo Rara.


gonne Modimo ke ona o o dirang mo go lona go rata le go dira ka ntlha ya natefelo ya ona.


le gore tsotlhe tse di mo lefatsheng le tse di kwa magodimong di ruanngwe le ona ka ene ka go dira kagiso ka ene ka madi a sefapaano sa gagwe.


Mme Morena wa rona Jesu Keresete ka esi le Modimo Rraetsho yo o re ratileng, a ba a re naya kgomotso e e sa khutleng le tsholofelo e e molemo ka bopelotlhomogi,


Jaanong ka utlwa sebopiwa sengwe le sengwe se se mo legodimong le mo lefatsheng le kwa tlase ga lefatshe le mo lewatleng le tsotlhe tse di mo go tsona di re: “A poko le tlotlo le kgalalelo le puso e nne tsa yo o ntseng mo sedulong le tsa Kwana go ya bosakhutleng!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan