Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:13 - Setswana 1970

13 Ka tshoganyetso bontsi jwa masomo a legodimo jwa nna le moengele, jwa baka Modimo jwa re:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 Ka tshoganetso moengele a tlhakana le lesomo le legolo la ba bangwe ebong mephato ya legodimo ba baka Modimo ba opela ba re:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi bontsintsi yoa ntua ea legorimo yoa na le moengele ka bonako, yo bo bakañ Morimo, bo re,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Mme ba tshogana ka moengele a bile a na le bontsintsi jwa lesomosomo la legodimo, ba baka Modimo ba re:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:13
18 Iomraidhean Croise  

A lora, a bona sepalamo se tlhomilwe fa fatshe, se bofelelo jwa sona bo fitlhang kwa legodimong; a ba a bona baengele ba Modimo ba palama, e bile ba fologa ka sona.


Miga a ba a re: “Ka moo utlwa lefoko la Morena. Ke bonye Morena a dutse mo sedulong sa gagwe sa bogosi le mephato yotlhe ya legodimo e eme fa go ene mo ntlheng ya le le jang la gagwe le mo ntlheng ya la molema.


mogang dinaledi tsa masa di duduetsang mmogo, fa baengele botlhe ba tlhaba mokgosi wa boitumelo?


Mmakeng lona baengele ba gagwe botlhe; mmakeng lona masomosomo a gagwe otlhe!


Lona dithaba tse di ditlhoa, lo lebetseng ka lefufa kwa thabeng e Modimo o e itlhaoletseng go nna boago jwa ona? Ee, Morena o tla aga teng ka bosakhutleng.


Ke fa Mowa o ntsholetsa, ke utlwa lentswe la loratla lo logolo fa morago ga me le re: “A go bakwe kgalalelo ya Morena e e tlogang mo felong ga yona.”


Noka ya molelo ya ela e tswa fa go ene; ba le dikete ga sekete ba mo direla; ba le dikete di le masome ga dikete di le lesome ba ne ba eme fa pele ga gagwe. Lekgotla la nna fatshe, dikwalo tsa phuthololwa.


Ke lo raya ke re: Go boitumelo jalo mo baengeleng ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe yo o sokologang.”


“Mme se e tla nnang sesupo mo go lona ke se: Lo tla fitlhela lesea le phuthilwe ka masela, le letse mo segopong sa dipitse.”


“Tlotlo a e nne ya Modimo kwa magodimong le kagiso mo lefatsheng mo bathong ba o ba itumelelang.”


gore botlhale jwa Modimo jwa mefutafuta jaanong bo itsisiwe balaodi le bathata mo legodimong ka phuthego


Mme ga go na pelaelo, bosaitsiweng jwa poifo-Modimo bo bogolo jwa go re: Jesu o bonaditswe mo nameng, a supelwa tshiamo ke Mowa, a bonwa ke baengele, a rerwa mo baheitaneng, a dumelwa mo lefatsheng, a tsholediwa ka kgalalelo.


Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e romelwang tirelong ka ntlha ya ba ba tla ruang pholoso boswa?


Ke fa ba senolelwa gore ga ba itirele, mme ba direla lona ka go bolela dilo tseo, tse gompieno lo di reretsweng ke ba ba lo boleletseng Efangele ka Mowa o o Boitshepo o o rometsweng o tswa kwa legodimong, e le dilo tse baengele ba eletsang go di leba.


Jaanong ka bona, ka ba ka utlwa mantswe a baengele ba le bantsi tikologong ya sedulo le ya diphedi le ya bagolo; palo ya bone e ne e le 10 000 ga 10 000 le dikete ga dikete,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan