Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:11 - Setswana 1970

11 ka gonne gompieno lo tsaletswe Mogolodi mo motseng wa ga Dafita, yo e leng Keresete Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 Mmoloki ee, Mesia o tsetswe bosigong jono mo Bethelehema!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Gone lo tsalecoe Moluki mo motseñ oa ga Davide gompienu, eo o leñ Keresete, Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Gonne gompieno mo motseng wa ga Dafite lo tsaletswe Mmoloki, yo e leng Keresete Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:11
38 Iomraidhean Croise  

Le gona ke tla baya letlhoo fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe; lone lo tla go tšhwetla tlhogo, mme wena o tla lo loma serethe.”


Thobane ya bogosi ga e kitla e tloga mo go Juta le e seng lore lwa mmusi fa gare ga dinao tsa gagwe go fitlhelela go be go tle Silo. Ene merafe e tla mo utlwa.


Dikgosi tsa lefatshe di a ikemisa le babusi ba nnela go logisanya maano a go lwa le Morena le Motlodiwa wa gagwe ba re:


Gonne ngwana re mo tsaletswe, morwa re mo neilwe, mme puso e tla nna mo legetleng la gagwe, mme o tla bidiwa “Mogakolodi yo o gakgamatsang, Modimo o o thata, Rara yo o sa khutleng, Kgosi ya kagiso;”


Jakobe a tsala Josefa, monna wa ga Maria yo o belegeng Jesu yo o bidiwang Keresete.


O tla belega mosimane, mme wena o bitse leina la gagwe Jesu; gonne ke ene yo o tla gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.”


Simone Petoro a araba a re: “O Keresete Morwa Modimo o o phelang.”


Jaanong a laya barutwa ba gagwe gore ba se ka ba bolela ope, fa ene e le Keresete.


Seo se ntswela kae, fa mma Morena wa me a ka tla kwano go nna?


O re emiseditse lonaka lwa pholoso mo ntlong ya ga Dafita, motlhanka wa ona,


O kile a senolelwa ke Mowa o o Boitshepo gore ga a nke a bona loso, a ise a bone Motlodiwa wa Morena.


Josefa le ene a tswa kwa Galelea mo motseng wa Nasaretha, a tlhatlogela kwa Jutea kwa motseng wa ga Dafita o o bidiwang Betleheme, ka a le wa kgotla yoora Dafita;


Yo a bona Simone morwa-rraagwe pele, a mo raya a re: “Re bonye Mesia,” mo phetolelong ke go re: Motlodiwa (Keresete).


Filipo a bona Nathanaele, a mo raya a re: “Re bonye yo Moše a kwadileng ka ga gagwe mo molaong, le bone baporofeti, e bong Jesu, morwa Josefa wa Nasaretha.”


Ene a mo raya a re: “Ee, Morena, ke dumetse gore o Keresete, Morwa Modimo, yo o tlang mo lefatsheng.”


Mme tse, di kwadilwe gore lo dumele, fa Jesu e le Keresete, Morwa Modimo, mme ka go dumela lo bone bophelo ka leina la gagwe.


Mosadi a mo raya a re: “Ke itse gore Mesia yo o bidiwang Keresete o e tla; e tla re a sena go tla, a re bolelele dilo tsotlhe.”


Ba raya mosadi ba re: “Jaanong ga re tlhole re dumela ka ntlha ya polelo ya gago; gonne rona ka rosi re mo ikutlwetse, mme re itse gore ke ene Keresete tota, Mopholosi wa lefatshe.”


mme re dumetse, re bile re itse gore ke wena Moitshepi wa Modimo.”


Ba bangwe ba re: “Ke ene Keresete.” Ba bangwe ba re: “A Keresete a ka tswa kwa Galelea?


O rometse Baiseraele Lefoko la ona, wa bega kagiso ka Jesu Keresete Efangeleng; ke ene Morena wa botlhe.


Ke ene yo Modimo o ntshitseng Mopholosi wa Iseraele mo losikeng lwa gagwe ka fa tsholofetsong, e bong Jesu,


A phutholola, a ranola gore Keresete o ne a tshwanetse go boga le go tsoga mo baswing; le gona a re: “Jesu yo ke mo lo rerelang ke ene Keresete.”


“Jaanong a lelapa lengwe le lengwe la Iseraele le itse ruri gore ene Jesu yo lo mmapotseng, Modimo o mo dirile Morena le Keresete.”


Ene yoo, Modimo o mo godisitse ka letsogo la ona le le jang, go nna Moeteledipele le Mopholosi gore a nee Iseraele tlhabologo le boitshwarelo jwa dibe.


Motho wa ntlha o tswa mo mmung, ke wa lefatshe; motho wa bobedi o tswa kwa legodimong.


le loleme longwe le longwe lo ipolele gore Morena ke Jesu Keresete, e le go galaletsa Modimo Rara.


Ruri ke kaya dilo tsotlhe tshenyegelo ka ntlha ya kitso e kgolo ya go itse Keresete Jesu Morena wa me yo ke latlhileng dilo tsotlhe tseo ka ntlha ya gagwe; ke bile ke di kaya matlakala gore ke hume Keresete,


Jaanong tsamayang mo go Keresete Jesu Morena jaaka lo mo amogetse.


Re bonye, re bile re supa gore Rara o rometse Morwawe go nna Mopholosi wa lefatshe.


Mongwe le mongwe yo o dumelang gore Jesu ke ene Keresete o tsetswe ke Modimo; mme mongwe le mongwe yo o ratang one o o tsetseng, e bile o rata ba ba tsetsweng ke one.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan