Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:10 - Setswana 1970

10 Moengele a ba raya a re: “Se boifeng; gonne bonang, ke lo tsiseditse mafoko a a molemo a boitumelo jo bogolo jo e tla nnang jwa batho botlhe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

10 Mme moengele a ba nametsa a re, “Se boifeng!” “Ke lo lereditse mafoko a boitumelo jo bogolo jo bo tlaa bolelwang ka bosakhutleng, mme ke jwa mongwe le mongwe!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Mi moengele a ba raea, Si boiheñ; gone, bonañ, kia lo leretsa mahuku a molemo, a a tla nañ boitumelo yo bogolu, le mo bathuñ botle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Moengele a ba raya a re: “Se boifeng, gonne bonang, ke lo lereditse mafoko a a molemo, a boitumelo jo bogolo, jo bo tlaa dirafalelang batho botlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:10
30 Iomraidhean Croise  

“Ke tla tshegofatsa ba ba go tshegofatsang, ke hutsa ba ba go hutsang; ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka wena.”


Sione, motlhaba-mokgosi wa boitumelo, palama mo thabeng e e godimo; Jerusalema, motlhaba-mokgosi wa boitumelo, tlhatlosa lentswe ka thata, o le tsholetse, o se boife, o ree metse ya Juta o re: “Bonang, Modimo wa lona ke o!”


Ke nna wa ntlha ke itsisitseng Sione jalo ka re, ke tseo; ka naya Jerusalema motlhaba-mokgosi wa boitumelo.


a re: “Ga go lekane, fa o le motlhanka wa me go tsosa ditso tsa ga Jakobe le go busa ba ba bolokilweng ba Iseraele; le gona ke go dirile lesedi la baheitane gore o nne pholoso ya me go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe.”


Morena o semile letsogo le le boitshepo la gagwe fa pele ga matlho a ditšhaba tsotlhe. Mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tla bona pholoso ya Modimo wa rona.


Di dintle jang mo dithabeng dinao tsa morongwi yo o itumedisang, yo o utlwatsang kagiso, yo o begang mafoko a a molemo, yo o bolelang pholoso, a raya Sione a re: “Modimo wa gago ke kgosi.”


Mowa wa Morena Modimo o mo go nna, ka gonne Morena o ntloditse, a nthoma go rerela babogisegi mafoko a boitumelo le go alafa ba ba pelo-di-phatlogileng le go itsise batshwarwi kgololo le ba ba golegilweng go bulwa ga kgolegelo,


se re: “Se boife, wena monna yo o ratiwang! A kagiso e nne nao! Gomotsega o tie!” Ya re se bua jalo le nna, ka tia ka re: “A morena wa me a bue, gonne o ntiisitse.”


Itumele thata, morwadia Sione, o duduetse, morwadia Jerusalema; bona, kgosi ya gago e e tla kwa go wena, e siame, e tletse pholoso, e pelonolo, e palame esele, e leng eselana, ngwana wa esele.


Jesu a akofa a bua nabo a re: “Namatshegang! Ke nna, se boifeng!”


Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Thata yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.


Moengele a raya basadi a re: “Lona se boifeng! Kana ke itse gore lo batla Jesu yo o neng a bapotswe.


A re: “Sebaka se weditswe, puso ya Modimo e atametse. Tlhabologang lo dumele Efangele!”


A ba a ba raya a re: “Yaang le lefatshe lotlhe, lo rerele lobopo lotlhe Efangele.


Moengele a mo raya a re: “Sagaria, ò se ka wa boifa; gonne thapelo ya gago e utlwilwe. Elisabete, mosadi wa gago, o tla go belegela ngwana wa mosimane, mme ò bitse leina la gagwe Johane.


Moengele a mo araba a re: “Ke nna Gaberiele yo ke emeng fa pele ga Modimo; mme ke romilwe go bua nao le go go bolelela mafoko ao a boitumelo.


Moengele a mo raya a re: “Maria, ò se ka wa boifa; gonne ò bonye bopelotlhomogi mo Modimong.


ka gonne gompieno lo tsaletswe Mogolodi mo motseng wa ga Dafita, yo e leng Keresete Morena.


le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao jo bo isang boitshwarelong jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.


Morago ga moo a ralala metse le metsana ka go latelana, a rera, a bolela Efangele ya puso ya Modimo, a na le ba ba 12,


Le rona re lo rerela mafoko a boitumelo a tsholofetso e e diretsweng borraetsho,


Ba ka rera jang ba sa rongwe? Jaaka go kwadilwe ga twe: “Kana di dintle jang ne dinao tsa bone ba ba rerang mafoko a a thabisang a a molemo!”


Nna yo ke leng mmotlana mo baitsheping botlhe, ke neilwe bopelotlhomogi joo gore ke rerele baheitane Efangele ya khumo e e sa ka keng ya tlhotlhomisiwa ya ga Keresete,


fa tota lo ka nna mo tumelong, lo theilwe, lo tlhomame, lo sa sutisiwe mo tsholofelong ya Efangele e lo e utlwileng, e e reretsweng lobopo lotlhe lo lo fa tlase ga letsatsi, e nna Paulo ke dirilweng modiredi wa yona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan