Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 19:5 - Setswana 1970

5 Ya re Jesu a fitlha felong foo, a lelala, a mo raya a re: “Sakeo, akofa o fologe! Gonne ke tshwanetse go tlhola mo ntlong ya gago kajeno.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 E rile Jesu a feta foo a lelala Sakaio mme a mmitsa ka leina a re, “Sakaio! Itlhaganele! Fo-loga! Gonne ke ya go nna moeng mo lwapeng lwa gago gompieno!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi ka Yesu a hitla gona, a lelala, a mona, a mo raea, Sakaio, akoha, u hologe; gone ki tla tlola mo tluñ ea gago gompienu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Ya re Jesu a fitlha felong foo, a lelala, a mo raya a re: “Sakaio, akofa o fologe, gonne ke na le go tlhola kwa ntlong ya gago gompieno.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 19:5
17 Iomraidhean Croise  

Tsotlhe tse seatla sa gago se di fitlhelang go ka di dira di dire ka thata ya gago. Gonne tiro le kakanyo le kitso le botlhale ga di yo kwa felong ga baswi kwa o yang teng.


“Mme ka feta fa go wena, ka go bona ò bidikama ò tletse madi, ka go raya ò le mo mading a gago ka re: ‘Phela!’ Ka ba ka go raya gape ò le mo mading a gago ka re: ‘Phela!’


gonne Morwa-Motho o tsile go batla le go pholosa se se latlhegileng.”


Ga bo go le monna teng, leina la gagwe e le Sakeo, e le mogolo wa bakgethisi, mme a humile.


Ka moo a tabogela kwa pele, a palama setlhare sa motlhatsa gore a mmone, ka a tla feta ka tsela eo.


Yoo a akofa a fologa, a ba a mo tshola ka boitumelo.


Nathanaele a mo raya a re: “O nkitse jang?” Jesu a mo araba a re: “Ke go bonye o le fa tlase ga setlhare sa mofeie, Filipo a ise a go bitse.”


Jesu a mo araba a re: “Fa mongwe a nthata, o tla tlhokomela lefoko la me, le Rre o tla mo rata; mme re tla tla go ene, re aga mo go ene.


Le rona, ba re leng badira-mmogo, re lo kaela gore lo se tsholele bopelotlhomogi jwa Modimo lefela;


gore Keresete a age mo dipelong tsa lona ka tumelo, lo nne ba ba medi mo loratong lwa gagwe, ba ba thaegileng mo go lone,


Se lebaleng go tshola baeng; gonne ka go dira jalo bangwe ba kile ba tshola baengele, ba sa itse.


Bona, ke eme fa mojako, ke a konyakonya. Fa motho a utlwa lentswe la ka, a ba a bula lobati, ke tla tsena kwa go ene, ke ja selalelo nae le ene le nna.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan