Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 19:47 - Setswana 1970

47 Jaanong a ruta ka letsatsi lengwe le lengwe mo Tempeleng. Mme baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo le bagolo ba morafe ba batla go mmolaya;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

47 Morago ga moo a ba ruta malatsi otlhe mo Tempeleng, mme baperesiti ba bagolo le baruti bangwe ba molao le bagwebi ba ne ba leka tsela e ba ka mmolayang ka yone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

47 Mi a ruta ka malatsi aotle mo tempeleñ; mi baperiseti ba bagolu, le bakuari, le bagolu ba bathu ba batla go molaea.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

47 A ruta ka letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng. Mme ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi, le bagolwane ba batho, ba senka go mmolaya;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 19:47
17 Iomraidhean Croise  

E rile a sena go tsena mo Tempeleng, mme a ruta, baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe ba tla go ene ba re: “Dilo tse o di dira ka thata efe? Ke mang yo o go neileng thata e?”


Ka nako eo Jesu a raya lesomo leo a re: “A lo bolotse ka ditšhaka le melamu go ntshwara, jaaka e kete ke senokwane? Ke ne ke nna ka malatsi otlhe mo Tempeleng, ke ruta, mme ga lo a ka lwa ntshwara.


Baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba utlwa, ba be ba batla ka fa ba ka mo nyeletsang ka teng; gonne ba ne ba mmoifa, ka batho botlhe ba gakgamaletse thuto ya gagwe.


Foo ba batla go mo tshwara; gonne ba ne ba lemoga, fa a buile setshwantsho se ka ga bona; mme ba boifa batho, ba be ba mo tlogela, ba tsamaya.


E rile moletlo wa Paseka, wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang o saletswe ke malatsi a mabedi, baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba batla ka fa ba ka mo tshwarang ka teng ka maano le go mmolaya.


Ke ne ke na le lona ka malatsi otlhe mo Tempeleng, ke ruta, mme ga lo a ka lwa ntshwara; mme go direga gore Dikwalo di dirafale.”


fela ba se ka ba bona se ba ka se dirang; gonne batho botlhe ba ne ba mo kgomaretse, ba mo reetsa.


Ka yona nako eo Baitsedikwalo le baperesiti ba bagolo ba batla go mo tshwara, mme ba boifa batho, ka gonne ba ne ba lemoga gore o iteisa bone ka setshwantsho se.


Ba fela ba batla go mo tshwara, mme a falola mo diatleng tsa bone.


Jesu a mo araba a re: “Ke buile le batho phatlalatsa, ka ruta ka gale mo senagogeng le mo Tempeleng, kwa Bajuta botlhe ba phuthegelang teng, ga ke a ka ka bua sepe mo sephiring.


A Moše ga a a lo naya molao? Mme le fa go ntse jalo ga go ope wa lona yo o tshegetsang molao. Lo batlelang go mpolaya?”


Bangwe ba bone ba batla go mo tshwara, mme ga bo go se ope yo o mo ntshetsang letsogo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan