Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 19:44 - Setswana 1970

44 Ba tla go gatakelela fa fatshe le bana ba gago ba ba mo teng ga gago, mme ga ba nke ba tlogela mo go wena lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe, ka o se ka wa lemoga nako e Modimo o go etetseng ka yona.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

44 ba bo ba go ripitlela fa fatshe le bana ba gago ba o nang nabo; ga ba kitla ba tlogela leje le tlhatlaganye le le lengwe, gonne o ganne sebaka se Modimo o se go neileng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

44 Mi ba tla gu rigela ha hatse le bana ba gago ba le mo teñ ga gago, mi ga ba kitla ba lesa go uena leincue leñue le tlatlaganye le ye leñue; gone u lu u sa itse motla oa tekolo ea gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

44 Ba tlaa go piriganyetsa fa fatshe le bana ba gago ba le mo teng ga gago; mme ga ba ketla ba tlogela mo go wena lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe; gonne o ne o sa itse motlha wa go lekolwa ga gago.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 19:44
19 Iomraidhean Croise  

Go sego ena yo o tla phamolang masea a gago, a a thubaganya mo lefikeng!


Lo tla dirang ka letsatsi la petso le la tshenyo e e tswang kgakala? Lo tla tshabela kwa go mang go bona thuso? Khumo ya lona lo tla e tlogela kae?


Ke tla go dikanyetsa ka ntwa, ke go pitlaganya ka ditlhodi tsa batlhabani mo ntlheng tsotlhe, ke aga dikago tsa tlhaselo mo tikologong ya gago.


Le gone ba tla bo ba se na masalela ape. Gonne ke tla tlisetsa banna ba Anathothe tatlhego ka ngwaga o ba bediwang ka ona.”


Jerusalema a leofa thata, ke ka moo a fetogang maila. Ba ba mo tlotlileng ba mo nyatsa botlhe, ka ba mmonye a sa ikatega. A fegelwa ka esi, a nna fatshe a hulere.


“Morafe wa ga eno le motse o o boitshepo wa ga eno di beetswe bosupa jwa dinyaga ga 70 tsa go budusa boikepo le go tlatsa selekanyo sa boleo le go ruanya molato le go tlisa tshiamo e e sa khutleng le go kana polelelopele le moporofeti, le go kgakola Boitshepo jwa Maitshepo.


E tla re bosupa jwa dinyaga ga 62 di sena go feta, Motlodiwa a bolawe, a se na molato. Morafe wa kgosi e e tlang o tla senya motse le Felo-ga-Boitshepo. Bofelo jwa ona bo tla tla ka morwalela. Go tla nna tlhabano go fitlha bokhutlong. Ke tshenyo e e tlhomamisitsweng.


Ka moo Sione o tla lengwa jaaka tshimo ka ntlha ya lona; Jerusalema o tla fetoga marope; thaba ya tempele e tla nna thota ya sekgwa fela.


Mme a ba fetola a re: “A ga lo bone tsotlhe tse? Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga go kitla go lesiwa lentswe lepe fa le tlhatlaganye le le lengwe, le le se kitlang le thujwa.”


Jesu a mo raya a re: “A o bona dikago tse dikgolo tse? Ga go nke go lesiwa lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe, le le se kitlang le digwa.”


“A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele; gonne o lekotse morafe wa ona, wa o direla kgololo.


ka ntlha ya boutlwelo-botlhoko jo bo boteng jwa Modimo wa rona, jo tlhabo ya lesedi e e tswang kwa godimo e tla re lekolang ka jona,


a re: “Ntlha le wena mo letsatsing leno la gago o ka bo o lemoga tse di go isang kagisong! Mme jaanong di fitlhetswe matlho a gago;


“Fa e le tse lo di bonang tseo, malatsi a tla tla a go se kitlang go lesiwa lentswe lepe ka ona le tlhatlaganye le le lengwe, le le se kitlang le digwa.”


mme lo nne le tsamao e e siameng mo go baheitane gore se ba lo sebang ka sona ba re, lo badiradibe, ba galaletse Modimo ka letsatsi la tekolo ka ntlha ya sona, fa ba se bona sentle ka ditiro tse di molemo tsa lona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan