Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 19:42 - Setswana 1970

42 a re: “Ntlha le wena mo letsatsing leno la gago o ka bo o lemoga tse di go isang kagisong! Mme jaanong di fitlhetswe matlho a gago;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

42 A lela a re, “Kagiso e e sa khutleng e ne e le gautshwane le wena mme wa e gana, mme jaanong lobaka lo setse lo fetile.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

42 A re, Au! u kabo u itsile lilo tse ri gu agisañ le mo motleñ onu oa gago! mi yana li shubiloe mo maitloñ a gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

42 “Ao! O ka bo o itsile, ee, e leng wena, mo tsatsing leno le la gago, o ka bo o itsile dilo tse e leng tsa kagiso! Mme jaanong di subetswe matlho a gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 19:42
35 Iomraidhean Croise  

Ka ntlha ya moo modumedi mongwe le mongwe o tla go rapela mo motlheng o ò ka bonwang ka ona; ruri, le fa merwalela e tla gwasa, ga e kitla e fitlha fa go ena.


Ke fa ke ba naya tsela ka ntlha ya logwadi lwa dipelo tsa bona; ba itsamaela ka fa maitaolong a bona.


Ga ba itse sepe, ga ba lemoge sepe; gonne matlho a bona a thibilwe gore ba se ka ba bona; dipelo tsa bone di thatafaditswe gore ba se ka ba tlhalefa.


“Ao! Fa o ka bo o ne wa reetsa ditaolo tsa me, foo kagiso ya gago e ka bo e tshwana le noka, le tshiamelo ya gago le makhubu a lewatle.


Batlang Morena, a sa ntse a ka bonwa! Mmitseng, a sa ntse a le gaufi!


Mme fa lo sa utlwe mafoko a, mowa wa me o tla lelela mo sephiring ka ntlha ya boikgodiso jwa lona; leitlho la me le tla lela mo go botlhoko, le ela dikeledi, ka letsomane la Morena le isiwa mo botshwarong.


Ba ree ò re: ‘Morena Modimo o buile wa re: Ka bophelo jwa me! Ga ke kgatlhwe ke loso lwa moikepi. Se se nkgatlhang ke fa moikepi a tlogela tsamao ya gagwe, a phela. Boang, lo tlogele ditsela tse di bosula tsa lona! Lo ratelang go swa, lona Baiseraele?’


Ya re a atamela, mme a bona motse, a o lelela


gonne malatsi a tla tla mo go wena, a baba ba gago ba tla kgobelang mmu tikologong ya gago ka ona, ba go dikanyetsa ka ntwa, ba go pitlaganya ntlheng tsotlhe:


Ba tla go gatakelela fa fatshe le bana ba gago ba ba mo teng ga gago, mme ga ba nke ba tlogela mo go wena lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe, ka o se ka wa lemoga nako e Modimo o go etetseng ka yona.”


O rometse Baiseraele Lefoko la ona, wa bega kagiso ka Jesu Keresete Efangeleng; ke ene Morena wa botlhe.


Mme Paulo le Baranaba ba bua ka bopelokgale ba re: “Go ne go tshwanetse gore Lefoko la Modimo le bolelelwe lona pele. Mme e re ka lo le gana, lo ikatlhola gore ga lo a tshwanelwa ke botshelo jo bo sa khutleng, bonang, jaanong re ya kwa baheitaneng.


Fa ba ka bo ba tlhalefile, ba ka bo ba tlhaloganya tseo, ba lemoga ka fa ba tla felang ka teng.


E kete ba ka bo ba ntse ba na le dipelo tse di ntseng jalo gore ba mpoife, ba tlhokomele ditaolo tsa me tsotlhe ka metlha yotlhe gore ba tle ba tshele sentle le bana ba bone ka bosakhutleng.


Mme kgothatsanyang ka letsatsi lengwe le lengwe, go sa ntse go twe: “kajeno!” gore go se nne ope wa lona yo o thatafadiwang ka tsietso ya boleo.


Fa go twe: “Kajeno, fa lo utlwa lentswe la ona, se thatafatseng dipelo tsa lona jaaka mo kgakatsegong!”


Ka moo utlwang ka fa Mowa o o Boitshepo o buang ka teng o re: “Kajeno, fa lo utlwa lentswe la ona,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan