Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 19:4 - Setswana 1970

4 Ka moo a tabogela kwa pele, a palama setlhare sa motlhatsa gore a mmone, ka a tla feta ka tsela eo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Mme a sianela kwa pele a palama setlhare sa mosikamore fa thoko ga tsela, a lebelela a le koo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi a tabogela pele, a palama setlare sa mosekamore gore a mone; gone a tla heta ka tsela euo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Mme a tabogela kwa pele, a palama setlhare sa mosekamore gore a tle a mmone; ka a tlaa feta ka tsela eo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 19:4
11 Iomraidhean Croise  

Kgosi ya dira gore go nne selefera mo Jerusalema e e kana ka majwe ka bontsi; ya ntsifatsa mesetere gore e lekane le megokare ya naga e e kwa tlase ka bontsi.


Mookamedi wa ditlhare tsa olefa le tsa mefaa tse di neng di le mo nageng e e kwa tlase e ne e le Baale-Hanane wa kwa Getere; mookamedi wa lookwane lo lo bolokilweng e ne e le Joase.


Kgosi ya dira gore go nne selefera le gouta mo Jerusalema tse di kana ka mafika; ya ntsifatsa mesetere gore e lekane ka bontsi le megokare e e kwa nageng e e kwa tlase.


Kgosi ya dira gore go nne selefera mo Jerusalema e e kana ka majwe ka bontsi; ya ntsifatsa mesetere gore e lekane le megokare ya naga e e kwa tlase ka bontsi.


Wa senya moweine wa bona ka sefako, le megokare wa bona ka serame.


“Diekana tse di besitsweng di wele, mme re tla ba re aga ka majwe a a betlilweng; megokare e remilwe, mme re tla tlhoma mesetere mo boemong jwa yona.”


Amose a fetola a raya Amasia a re: “Ga ke moporofeti le e seng morwa moporofeti; gonne ke ne ke le modisa wa dikgomo le molemi wa mefaa.


Mme Morena a re: “Fa lo ka bo lo na le tumelo e e kana ka tlhaka ya peo ya mmasetete, lo ne lo ka raya setlhare se sa mmurubele lo a re: ‘Kumoga o itlhome mo lewatleng!’ mme se ka lo utlwa.


Yoo a batla go bona gore Jesu ke mang, mme a palelwa ka ntlha ya batho ba bantsi, ka a ne a le mokhutshwane.


Ya re Jesu a fitlha felong foo, a lelala, a mo raya a re: “Sakeo, akofa o fologe! Gonne ke tshwanetse go tlhola mo ntlong ya gago kajeno.”


Ya re ka ba sa bone ka fa ba ka mo tsenyang mo ntlong ka teng ka ntlha ya bontsi jwa batho, ba palama kwa godimo ga thulelo, ba mo folosa gare ga ditlhomeso, a le mo diphateng, ba mmaya mo gare, fa pele ga Jesu.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan