Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 19:26 - Setswana 1970

26 Ke lo raya ke re: ‘Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe o tla fiwa; mme yo o se nang sepe, le se o nang naso o tla se amogwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

26 Kgosi ya fetola ya re, ‘Ee, ke boammaaruri gore ba ba nang le go le gontsi ba newa go le gontsi, mme ba ba nang le go le gonnye ba latlhegelwa le ke gone mo ba nang nago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

26 Gone kia lo raea, Le moñue le moñue eo o nañ le señue, o tla neoa, mi ena eo o sinañ sepe, go tla tlosioa le se o nañ nasho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

26 Ke a lo raya ka re: ‘Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe, o tlaa newa; mme yo o se nang sepe, go tlaa tsewa mo go ene le se o nang naso.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 19:26
17 Iomraidhean Croise  

Mme bopelotlhomogi jwa me ga bo kitla bo tloga mo go ene jaaka ke bo tlositse mo go Saule yo ke mo tlositseng fa pele ga gago.


A malatsi a gagwe a ngotlege, tirelo ya gagwe e tsewe ke yo mongwe.


Gonne yo o nang le sengwe o tla newa, mme o tla nna le letlotlo; mme yo o se nang sepe, le se o nang naso o tla se amogwa.


“Ke ka ntlha ya moo ke lo rayang ke re: Puso ya Modimo e tla tlosiwa mo go lona, e newa setšhaba se se tla ntshang maungo a yona.


Gonne yo o tshotseng sengwe o tla okelediwa; mme yo o se nang sepe, le se o nang naso o tla se amogwa.”


Mookamedi a ikakanya a re: ‘Ke tla dirang, ka e le fa morena wa me a tlosa bookamedi mo go nna? Ga ke itse go otola, mme go kopa go ntlhabisa ditlhong.


Ba mo raya ba re: ‘Morena, kana o na le diranta di le lekgolo.’


“Ka moo, tlhokomelang ka fa lo utlwang ka teng; gonne yo o nang le sengwe o tla newa; mme yo o se nang sepe, le se a itlhomang a na naso o tla se tseelwa.”


“Gonne go kwadilwe mo lokwalong lwa Dipesalome ga twe: “ ‘A boago jwa gagwe bo fetoge lesope, a go se nne ope yo o agang mo go lone!’ “Gape ga twe: “ ‘A o sele a tsee tirelo ya gagwe!’


Itlhokomeleng gore lo se ka lwa latlhegelwa ke dilo tse re di dirileng, lo tle lo amogele tuelo e e tletseng.


o na le tlhomamo, o itshokile ka ntlha ya leina la me, wa se ka wa lapa.


Reetsa, ke tla akofa ke tla; tshwara se o nang naso gore go se nne ope yo o go amogang serwalo.


Ke fa Samuele a mo raya a re: “Morena o gagotse bogosi jwa Iseraele mo go wena kajeno, a bo neela yo mongwe yo o siameng bogolo go wena.


Ke ka moo Morena Modimo wa Iseraele o buang a re: ‘Ka nnete ke ne ke rile: Ba lapa la gago le ba lapa la ga rraago ba tla sepela fa pele ga me ka bosakhutleng. Mme jaanong go kgakala le nna! Ke tla tlotla ba ba ntlotlang; mme ba ba nnyatsang ba tla nyatsega.’ Morena a re jalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan