Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 19:14 - Setswana 1970

14 Mme ba motse wa ga gabo ba bo ba mo tlhoile, ba roma barongwa go mo latela ba re: ‘Ga re rate gore yo a re buse.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

14 Mme bangwe ba batho ba gagwe ba ne ba mo ila ba bo ba mo romelela polelo ya gore ba batla boipuso, ba bolela gore ba mo tsogologetse ga ba kitla ba mo amogela go nna kgosi ya bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Mi bathu ba gague ba bo ba mo ila, mi ba roma baroñoi morago ga gague, ba re, Ga re rate eo a na khosi ea rona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 Ba motse wa ga gabo ba bo ba mo tlhoile, mme ba roma batho ba ya go mo latela ba re: ‘Ga re rate monna yo a re busa.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 19:14
15 Iomraidhean Croise  

Ga e angwe ke ope fa e se ka selepe le ka ngakale. Mme e tla fisiwa yotlhe ka molelo teng foo.


Morena, Mogolodi wa Iseraele, Moitshepi wa gagwe, o bua jaana le yo o nyatsegang thata, yo e leng maila mo setšhabeng, yo e leng motlhanka wa barena ba ba setlhogo, a re: “Dikgosi le dikgosana di tla bona, di nanoga, di obamela ka ntlha ya Morena yo o ikanyegang le ka ntlha ya Moitshepi wa Iseraele yo o go itlhaoletseng.”


Ka ba ka nyeletsa badisa ba le bararo mo kgweding e le nngwe; ke fa ke fela pelo ka ntlha ya bona, mme le bona ba se ka ba tlhola ba mpatla.


Fa go sa nna jalo, e re eo e sa ntse e le kgakala, e rome barongwi go kopa kagiso.


A bitsa batlhanka ba gagwe ba ba lesome, a neela mongwe le mongwe diranta di le some, a ba raya a re: ‘Bapalang ka tsona go tsamae ke tle.’


“Ya re a boa, a sena go amogela bogosi, a laola gore batlhanka bao ba bidiwe, ba o ba neetseng madi, gore a tle a itse se mongwe le mongwe a se bapetseng.


Fa e le baba bao ba me ba ba ganneng ke ba busa, ba tsiseng kwano, lo ba bolaele fa pele ga me.’ ”


O ne a tla kwa ga gagwe, mme ba gagwe ba se ka ba mo tshola.


“Fa lefatshe le lo tlhoa, itseng gore le ntlhoile pele ga lona.


Mme Morena a raya Samuele a re: “Utlwa lentswe la morafe mo go tsotlhe tse ba di buileng nao; gonne ga ba latlhe wena, mme ba latlha nna gore ke se ka ka nna kgosi ya bone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan