Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 18:9 - Setswana 1970

9 Le gona a bua ka setshwantsho se le bangwe ba ba iikanyang gore ba siame, mme ba nyatsa ba bangwe, a re:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Hong a ba bolelela polelo ya bangwe ba ba kileng ba ikgantsha ka tshiamo ya bone ba nyatsa ba bangwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi a bua secuanco se go bañue ba ba ikanyañ ha e le bona basiami, mi ba nyatsa ba bañue:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Setshwantsho ke se, a se bua le bangwe ba ba ikayang fa e le bone basiami, ba nyatsa ba bangwe botlhe, a re:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 18:9
22 Iomraidhean Croise  

ke ba ba ithayang ba re, ba phepa, mme ba ise ba tlhapisiwe maswe a bone.


ba ba reng: ‘Ema koo, se nkatamele, gonne ò ka fetelwa ke boitshepo jwa me.’ Bao ke musi mo dinkong tsa me; ke molelo o o tukang, ka letsatsi lotlhe.


Utlwang lefoko la Morena, ba lo boifang lefoko la gagwe! “Go buile bomorwa-rraalona ba ba lo tlhoang, ba ba lo lelekang ka ntlha ya leina la me, ba re: ‘A Morena a ikgalaletse gore re bone boitumelo jwa lone!’ – Mme ba tla tlhajwa ke ditlhong.


Ka letsatsi la bosupa a moperesiti a tlhatlhobe sebata se se thunyang gape. Jaanong fa a fitlhela seromo se sa ikala, go se moriri o mosetlhanyana mo go sona, mme seromo se sa wela mo letlalong,


Mme ene, ka a rata go itshiamisa, a raya Jesu a re: “Mme mongwe-ka-nna ke mang?”


Mme Bafarisai le Baitsedikwalo ba ngongorega ba re: “Yo, o tshola baleofi, o ja nabo.”


Mme Jesu a ba raya a re: “Ke lona ba lo itshiamisang fa pele ga batho, mme Modimo o itse dipelo tsa lona; gonne se se tlotlomaditsweng ke batho, ke makgapha fa pele ga Modimo.


“Mofarisai a ema, a ithapelela jaana a re: ‘Modimo, ke a go leboga ka ke sa tshwane le batho ba bangwe, e bong dinokwane le basiamolodi le bagokafadi, gongwe jaaka mokgethisi yo.


Ya re botlhe ba bona, ba ngongorega ba re: “O gorogetse kwa monneng wa moleofi go tlhola teng.”


Ya re Mofarisai yo o mo laleditseng a bona jalo, a ithaya a re: “Yo, fa e ka bo e le moporofeti, a ka bo a itse gore mosadi yo o mo amang ke mang, le gore o ntse jang; gonne ke moleofi.”


Bajuta ba mo araba ba re: “A ga re bue nnete, fa re re, o Mosamaria, o bile o na le modemone?”


Ke fa ba mo kgoba ba re: “Ke wena morutwa wa gagwe; rona re barutwa ba ga Moše.


Ba mo araba ba re: “O tsaletswe mo dibeng gotlhe fela, mme a o a re ruta?” Ba be ba mo kgarameletsa kwa ntle.


Mme a nthaya a re: ‘Tloga o tsamae; gonne ke tla go romela kwa kgakala kwa baheitaneng.’ ”


Gonne e re ka ba sa itse tshiamo ya Modimo, e bile ba lekile go itlhomela tshiamo ya bone ka bosi, ga ba a ka ba ikokobeletsa tshiamo ya Modimo.


Mme wena o beelang ngwana wa ga Rraago molato? Gongwe le wena, o nyaletsang ngwana wa ga Rraago? Gonne rotlhe re tla ema fa pele ga sedulo sa katlholo sa Modimo;


Yo o jang a a se nyatse ene yo o sa jeng; mme yo o sa jeng a a se atlhole yo o jang; gonne Modimo o mo amogetse.


Nna, pele ke ne ke phela kwa ntle ga molao; jaanong e rile taolo e sena go tla, boleo jwa tsoga,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan