Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 18:43 - Setswana 1970

43 A boa a bona ka bonako, a ba a mo sala morago, a galaletsa Modimo. Batho botlhe, ya re ba bona, ba naya Modimo pako.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

43 Mme ka bofefo monna a kgona go bona, a latela Jesu, a baka Modimo. Mme botlhe ba ba neng ba go bona go direga le bone ba baka Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

43 Mi sa akoha sa bona; mi sa mo sala morago, sa galaletsa Morimo; mi ka bathu botle ba bona yalo, ba baka Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

43 Mme a foufologa fela ka bonako, mme a mo sala morago, a galaletsa Modimo; batho botlhe ba re ba bona jalo ba baka Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 18:43
30 Iomraidhean Croise  

A bao ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho,


Bona bao a ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho,


Morena o foufolola difofu; Morena o tsosa ba ba obegileng; Morena o rata basiami.


Ke tla go godisa, Morena; gonne o ntshwatotse, mme ga o a ka wa leseletsa baba ba me go itumela ka ga me.


Foo matlho a difofu a tla foufologa, ditsebe tsa disusu di tla kabologa.


“Ke tla goga difofu mo tseleng e di sa e itseng, ke di tsamaisa mo ditselaneng tse di iseng di di gate. Ke tla fetola lefifi lesedi fa pele ga tsona, le naga e e magwata lebala. Dilo tse ke tla di dira. Ga nkitla ke di lesa.


e leng morafe o ke o ipopetseng gore ba bolele pako ya me.


Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a phepafadiwa, disusu di a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba rerelwa Efangele.


Foo difofu le batlhotsi ba tla go ene mo Tempeleng, mme a ba fodisa.


Ya re batho ba bona, ba boifa, ba be ba galaletsa Modimo o o neileng batho thata e e ntseng jalo.


Ya re a bua dilo tse, baganetsi botlhe ba gagwe ba tlhajwa ke ditlhong; mme batho botlhe ba itumela ka ntlha ya tsotlhe tsa kgalalelo tse di dirwang ke ene.


Jaanong ya re a setse a atamela fa mhapheng wa Thaba ya Diolefa, lesomo lotlhe la barutwa la simolola go baka Modimo ka boitumelo ka lentswe le legolo ka ntlha ya ditiro tsa nonofo tsotlhe tse ba di bonyeng


Jesu a ema, a mo okama, a kgalemela go fisa, mme ga mo tlogela; a akofa a tsoga, a ba direla.


Foo ba tlholelwa botlhe, ba galaletsa Modimo, ba tlala poifo ba re: “Re tlhotse re bonye disitapelo.”


Botlhe ba gakgamadiwa thata ke bogolo jwa Modimo. Ya re botlhe ba ntse ba gakgamaletse tsotlhe tse Jesu o di dirileng, a raya barutwa ba gagwe a re:


Ya re ba utlwa jalo, ba didimala, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Jaanong ke go re: Baditšhaba le bone Modimo o ba neile tlhabologo e e isang bophelong.”


go ba budulola matlho gore ba sokologe, ba tswe mo lefifing, ba tsene leseding, ba tswe mo thateng ya ga Satane, ba ineele Modimo, gore ba amogele boitshwarelo jwa dibe le boswa mmogo le ba ba itshepisitsweng ka go dumela mo go nna.’


Ya re ba sena go ba kgalemela thata, ba ba naya tsela, ka ba tlhoka ka fa ba ka ba betsang ka teng ka ntlha ya batho; gonne botlhe ba ne ba galaletsa Modimo ka ntlha ya se se dirilweng.


Mme ba galaletsa Modimo ka ntlha ya me.


Mme lona lo losika lo lo tlhaotsweng, lo boperesiti jwa bogosi le morafe o o boitshepo le baruiwa ba Modimo, gore lo tumise ditiro tse dikgolo tsa yo o lo biditseng go tswa mo lefifing, go tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan